UCCSA e ipelela letsatsi la thobo
05 Dec 2016
Kereke ya UCCSA kwa Selebi-Phikwe e ne e ipelela latsatsi la thobo. Ba ne ba ipela ka setlhogo se se reng Itseng Jehovah e le Modimo, Tsenang ka Dikgoro tsa Gagwe go mo Ntshetsa Malebogo.
Mokwaledi wa kereke eo, Rre Edwin Mosweunyane o tlhaloseditse BOPA fa kereke eo e tshwara moletlo oo ngwaga le ngwaga kgwedi fela pele ga ngwaga o fela.
A re moletlo o o dirwa jaana se e le go leboga Modimo ka go ntsha dimpho, dingwe tsa dimpho tseo e le go itlama go thusa bangwe banni ba Selebi-Phikwe ba ba dikobo dikhutshwane ka jalo toropo eo e wetswe ke seru sa go tswalwa ga moepo.
Maloko a kereke go tsweng mo dikgaolong tse di farologaneng jaaka Tonota, Maun le Sefhophe a ne a nna le seabe mo go ntsheng dingwe tsa dimpho di akaretsa dikgomo, madi, dijo le tse dingwe.
Ba ne ba wetsa letsatsi ka go ja dingwe tsa dijo tsa Setswana jaaka bogobe jwa lerotse, dinawa le tse dingwe e le tsela nngwe gape ya go rotloetsa Batswana go ja dijo tsa setso tse di tswang mo temong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mpho Keokilwe
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Potsolotso
Date : 05 Dec 2016






