Breaking News

Bosupatsela bo betlela baithuti tsela

05 Dec 2016

Go ka nna thona go bua ka bosupatsela Rre Robert Baden-Powell motlhami wa mokgatlho o a sa galalediwe ka mpho e a e fileng lefatshe ka bophara.

Morago ga dingwagangwaga Rre Baden-Powell a ntse a se teng mo botshelong tlhamo ya gagwe e betla matshwititshwiti go nna borre le bomme ba ba nang le boikarabelo.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Rre Tabengwa Desert wa motse wa Dibete yo ene a saleng a inaakantse le mokgatlho wa bosupatsela ka ngwaga wa 1995 a re o bone go tshwanela gore a simolodise mokgatlho o kwa sekoleng se sebotlana sa motse oo ka 2014 ka a bonye bomosola ja bosupatsela mo go ene.

Rre Desert a re fa a sa le a simolodisa mokgatlho o wa bosupatsela, o lemogile diphetogo di le dintsi mo boitshwarong jwa banana le baithuti ba motse wa Dibete ka lore lo ojwa lo sa le metsi.

A re dilo tse ba di dirang ba inaakantse le boganana di a nyelela, ka bontsi ba bone jaanong bo dira se se eletsegang mo setshabeng ga mmogo le se se  kwadiwang  mo bukeng ba itebagantse thata le maikaelelo a mokgatlho fa o tlhamiwa.

O boletse fa ba lekgotla la bosupatsela la Botswana le  ba mekgatlho e mengwe ya bosupatsela ba ba laletsa gangwe le gape ko dikampeng tse kwa go tsone ba tsenelelang diphadisanyo tse di farologanyeng  tse di agang setho sa motho.

A re diphadisanyo tse di akaretsa go thusa ba ba gobetseng, go terela,go bofa megala le go bapola ditante,tirisano mmogo e le setlhopha ga mmogo le yone ithutuntsho ya bomosola ja bosupatsela mme tse tsotlhe fa di kopanye le tse dingwe di betla motho gore e nne yo o amogelesegang mo setshabeng.

Rre Desert o tlhalositse fa ba laleditswe go tla kampeng ke ba mokgatlho wa bosupatsela wa Serowe ba tshwaraganye le ba lekgotla la bosupatsela la Botswana kwa ba tlaa tsenelelang diphadisano ka go farologana di akaretsa itshidilo mmele.

A  re dithuto tse di tlaa bo di kopane gape le go  ipelela dingwaga tse di masome a ferabobedi bosupatsela bo ntse bo le teng mo Botswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moleleki Tsholofetso

Location : DIBETE

Event : Potsolotso

Date : 05 Dec 2016