Thulaganyo ya go aga matlo e ntsha maduo
06 Dec 2016
Mogokaganyi wa lekgotla le le agelang batlhoki, Colonel Duke Masilo, a re lenaneo le, le ntsha ntsha maduo a a bonalang.
O ne a bua kwa pulong ya ntlo e e agilweng ke Rre Michael Ryan wa khamphani ya TecServe Botswana a e agela Mme Seapi Tsie kwa Tsetsebye bosheng.
A re ba ba neng ba nyatsa thulaganyo e fa e simolola jaanong a ba feletse a le tlhaeng.
Col Masilo a re thulaganyo ya go agela batho matlo e simolotswe ke Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama mme konokono e le go thusa ba ba senang bonno jo bo fang seriti.
A re lenaneo le le setse le agetse batho ka go farologana matlo mme a kopa Batswana go tswelela ba ema mogopolo o nokeng go fa ba ba senang matlo bonno jo bo fang seriti.
Col Masilo a re mowa wa go thusana ke one o o tlhotlheletsang gore lefatshe leno le nne le kagiso le thitibalo a supa fa mafatshe a mangwe a na le madi a mantsi mme a palelwa ke go thusa ba bangwe ka gore ga ba na mowa wa tirisano mmogo le wa kutlwelobotlhoko.
O gwetlhile setshaba ka bongwe ka bongwe go tsenya letsogo mo go thuseng setshaba se se tlhokileng lesego a re go direla ba bangwe e sa tshwanela go nna tiro ya dikhamphane di le nosi.
A re Batswana ba na le mowa wa tshwaragano jaaka ba supile ka go aga university ya Botswana.
Col Masilo a re lenaneo le le simolotse ka ngwaga wa 2011 mme ntlo ya ga Mme Tsie ke ya bo 674 mme go na le di le masome a mabedi le botlhano tse di tshwanetseng go rolelwa beng ba tsone fa gape go na le di le masome a mararo le borobabobedi tse di sa ntseng di agwa.
Le fa go ntse jalo o kopile Batswana go tswelela ba thusa setshaba ka go sa ntse go na le batho ba bantsi ba ba sa ntseng ba tlhoka bonno.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Kgosidialwa Motsamai wa Tsetsebye a re Batswana ba tsere tshwetso ya go thusa ba ba tlhokileng lesego mme a leboga Tautona go bo a na le leitlho la tebelopele.
Kgosi Motsamai a re Tautona o na le mananeo a a tsepameng a go thusa setshaba ka go farologana.
Mme Tsie o lebogetse mpho eo ya ntlo a supa fa e tlaa mo fa seriti e bile e tlaa mmabalela mo diemong tse di sa siamang tsa bosa.
Mokhanselara, Rre Lame Motsamai a re go tlhoka bonno ga go fe motho tlotlo mme a rotloetsa ba komiti ya ditlhabololo tsa motse go thusa ka go gokela pompo ya metsi.
Rre Ryan ene a re go nna le bonno ke se motho mongwe le mongwe a se eletsang.
A re lenaneo le la go agela batlhoki le dirile gore ba ba senang bonno ba kgone go agelwa matlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : TSETSEBYE
Event : Pulo ya ntlo
Date : 06 Dec 2016






