Mmamahututu o ka gogela bajanala kwa Lerala
05 Dec 2016
Mohama wa bojanala o setse o itshupile fa e le mongwe wa matshego a a nonofileng a itsholelo.
Ka jalo go sa ntse go na le mafelo a a farologaneng mo lefatsheng leno a a ka dirisetswang bojanala mme Batswana ba sa ntse ba a somaretse.
Kgaolo ya Tswapong ke nngwe ya dikgaolo tse di humileng thata ka ditsatlholego tse beng gae ba ka di dirisang mo go tsa bojanala go ikgobokanyetsa madi kana go itshetsa.
Kwa Lerala, mo kgaolong ya Tswapong go ikadile setlhare se setona sa mowana se go dumelwang fa se ka okela bajanala mo motseng. Setlhare se, se na letshwago le tona le le ka tsenyang batho ba ka tshwara lesome le bosupa ba eme ka dinao.
Se neetswe leina la mowana wa Mmamahututu. Mowana o o bonwa gaufi le lentswe la Lerala motse o neng o ne o le teng bogologolo.
Leina le la Mmamahututu ke leina le le setseng le tlwaelesegile thata mo motseng o go bitsa sone setlhare seo se le nosi fa tse dingwe tsa mowana tsone di sa reelelwa.
Go ya ka kgosana wa kgotlana ya Monneng, Kgosi Kenatshele Dialwa, setlhare seo se ne se tshabelelwa thata ke gore dinonyane tse di bidiwang Mahututu di ne di nna mo go sone ke ka moo se neng sa felela se tewa leina gotwe Mowana wa Mmamahututu.
O boletse gape fa setlhare se e ne e le bonno jwa batho ba ba neng ba bidiwa batho ba Maboong mme o supile fa batho ba ba sa ntse ba le teng e bile ba agile gone kwa Lerala.
Kgosi o supile fa mo bogologolong dilo di tshwana le maitiso a meopelo, metshameko di ne di direlwa gone mo lefelong le go nang le one mowana o ka mowana wa teng o le montle fela thata.
A re mo bogompienong batho bangwe ba itseela dinepe tsa manyalo ko go one mowana o ka ke setlhare se sentle thata se e bileng se ka melediwa mathe kana sa oka le bone bajanala tota.
O bolela gape gore basimane ba ne ba tle ba hube maoto fa go sone fa ba disitse leruo le batho ba rata go ya teng fela go ya go intsha bodutu ka ke lefelo la tidimalo.
Setlhare sa mowana ke setlhare se se golelang kwa godimo e bile se na le bophara jo bo boitshegang mme se ka bonwa go ralala dintlheng tsotlhe tsa Aferika ka mefuta ya sone e e farologaneng.
Setlhare se se bonwa kwa mafelong a a mogote e bile a omeletse tota mo borwa jwa Aferika, gape se ka gola selekanyo sa dimmithara tse di masome a mabedi le botlhano le go nna bophara jwa lesome le bone.
Mowana o ungwa dijo tsa setso, mme gape o nne le ditiriso tse di mmalwanyana, dingwe tsa tsone di na le dikotla tse di botlhokwa tsa mmele wa motho. Se na gape le tiriso ya tlhabololo matshelo a batho le lefatshe fa se melang teng.
Mowana o ungwa maungo a a jewang, maungo a a kgolokwe jwa lee la ntshe a bo a nna le kgapetla e e thata seka legong mme a nne mabowa a a lephutshe le le kopaneng le botuba le bosetlha ka mmala.
Go bolelwa gape fa mowana o na le kotla e ntsi e e nonotshang marapo le meno e ka sekgowa e bidiwang calcium mme e bile kotla e e le ntsi go menagane go fetisa jaaka e le mo morogong wa spinach.
Setlhare se sa mowana fela jaaka bontsi jwa ditlhare le dimela tse dingwe se na gape le kotla e gantsi e nyalanngwang le flu mme yone e bidiwa Vitamic C ka sekgoa.
Mowana, ka mateng a one o na gape le motswako gantsi Batswana bangwe ba o dirisang mo motogong jaaka o kare motho o itirela ting fa bangwe ba o dirisa go apaya gemmere mme one o bidiwa tartaric acid.
Fa e le matlhare a mowana one a dirisiwa jaaka morogo mme go dirwa jalo a apeilwe a bo a kopanngwa le moro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalethata Malete
Location : LERALA
Event : Potsolotso
Date : 05 Dec 2016






