Breaking News

Puso e dira mananeo a go tokafatsa thuto

04 Dec 2016

Moitseaanape wa tsa tlhabololo dithuto le tshekatsheko ya maduo kwa kgaolong ya Kgalagadi, Rre Silvester Tselaeesele, a re puso e logile mananeo a a tsepameng a go tlhabolola thuto le dikitso mo Botswana.

Rre Tselaesele o buile se kwa ipelelong ya dingwaga tse di masome a marataro tsa sekole se sebotlana sa Kang bosheng.

O ne a tlhalosa gore puso e dirile maiteko a morago ga ditshekatsheko tse di tseneletseng tse di supileng fa thulaganyo kana tsamaiso ya dithuto tsa segonpieno e siilwe ke nako.

Ka jalo a re puso e ne ya bona fa go le maleba gore e fetole boleng jwa thuto go tswa ko moding go ya ko godimo.

Ka jalo, a re puso e dirile lenaneo la go kgaoganya bana go ya ka dikabelo tsa bone.

A re ba ba leng bonya mo dithutong tsa go bala le go kwala ba tlaa fiwa sebaka sa gore ba ye go ithuta le go godisa tsa talente ya bone jaaka bodiragatsi kana thuto ya diatla.

O ne a senola fa dithuto tse, di tlaa rutiwa kwa dikoleng tse di faphegileng tse puso e tlaa bong e di tlhomile.

A re se ke maiteko a gore dithuto di seka tsa itebaganya fela le tse di rutiwang mo ntlwaneng ya boithutelo, mme di akaretse tsa bodiragatsi, botaki le thuto ya diatla e le maiteko a go kabakanya itsholelo.

Rre Tselaesele o ne a tlhalosa fa ditlhatlhobo tsa segompieno e le tse di batlang gore ngwana a bo a diragatsa se a se rutilweng.

Ka jalo a re puso e dirile maiteko a mangwe a go tlhabolola dikitso tsa baeteledipele ba dikole gore ba tle ba itepatepanye le mothale wa dithuto tsa segompieno.

A re ditshekatsheko di supile fa thuto e tsweletse ka go wela ko tlase ka ntata ya gore baeteledipele kana bagokgo ba dikole, barutabana, batsadi le bape fela ba ba amegeng ba repisitse, ga ba sa tlhole ba le mafolofolo jaaka pele.

Rre Tselaesele o kaile fa, bontsi jwa batsadi ba kgona go tsisa ngwana mo sekoleng ba bo ba ithola boikarabelo mo thutong ya ngwana gotlhelele ba re ngwana ke wa barutabana.

A re ba itebatsa gore thuto le boitsholo jwa ngwana bo simologa kwa lwapeng ke go pepetlediwa ke motsadi.

O ne a gwetlha batsadi gore ba nne ba etela dikole go ya go tlhomamisa gore a mme tota bana ba rutiwa se se tlhokafalang.

A re batsadi ba itlwaetse go tlhodumela dithuto tsa bana ba bone go tswa ko dikoleng tse dipotlana go ya ko go tse dikgolwane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Michael Matebele

Location : KANG

Event : Moletlo

Date : 04 Dec 2016