Breaking News

Nnotagi ke peo ya kgokgontsho ya bong

04 Dec 2016

Go itontela nnotagi ke peo ya kgokgontsho ya bong e e diragalang mo malwapeng.

Se, se builwe ke mothusa modulasetilo wa lekgotla la borre mo kgaolong potlana ya Mahalapye, Rre Kebaemetse Kesenogile mo potsolotsong bosheng. O  tlhalositse fa borre bangwe ba le bonolo fa ba sa itshiela nnotagi mme fa ba sena go nwa nnotagi ba fetoga bakgokgontshi.

Rre Kesenogile o boletse fa lehuma le ka baka gore motho a kgokgontshiwe bogolo jang fa e le mme a nna le rre yo o mo tlhokomelang.

Mothusa modulasetilo o ne a tswelela ka go gakolola borre gore ba phuthuloge ba bue ka mathata a bone le bakapelo ba bone ka gore fa ba kare ba itshoka ka mathata a bone a felela a ba gatelela mme ba felele ba kgokgontsha bakapelo ba bone.

Rre Kesenogile one gape a gakolola borre go inaakanya le itshidilo mmele ka gore itshidilo mmele e lapolosa thaloganyo, o kaile fa rre yo o nnang a lapologile tlhaloganyo a sa tshabelelwe ke go amega mo kgokgontshong ya bong.

Mothusa modulasetilo o kaile fa lekgotla la Men Sector le lwantshana le kgokgontsho ya bong ka go rutuntsha borre ka bodiphatsa jwa kgokgontsho ya bong mo mafelong a a farologaneng jaaka ko ditirong tsa borre, diphuthego tsa borre le ko metshamekong ya kgwele ya dinao e e rulagangwang ke lekgotla la Men Sector.

Rre Kesenogile o boletse fa mo malatsing a le lesome le borataro a metseletsele ya go thibela kgokgontsho ya bong ba tlaa bo ba ipelela meletlo ka go farologana e tshwana le kgwedi ya borre, letsatsi la mafatshefatshe kgatlhanong le bolwetse jwa HIV/AIDS (World AIDS Day), le letsatsi le le kgatlhanong bolwetse jwa HIV/AIDS mo kgaolong-potlana  ya Mahalapye (District World AIDS Day) kgwedi ya morule e tlhola malatsi a le boferabongwe ko kgotleng ya Boseja mo Mahalapye. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Phidson Mojokeri

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 04 Dec 2016