Breaking News

Dikomiti tsa ditlhabololo di tlamega go rola dipego

04 Dec 2016

Mmaboipelego wa kgaolwana ya Madiba kwa Palapye, Mme Godiramang Kgano, a re batho ba ba tshwanetsweng ke go tlhophiwa mo makgotleng a ditlhabololo tsa metse ke ba e leng Batswana ka letso e bile ba itse go bala le go kwala gape ba le dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ya kwa godimo.

Mme Kgano o buile mafoko a kwa phuthegong e mo go yone banni ba Radisele ba neng ba tlhopha komiti e e tlaa tsamaisang ditlhabololo tsa motse

O kopile botlhe ba ba nang le tshwanelo ya go tlhopha mo ditlhophong tseo, go emisa mokgwa wa go dirisa botsala le lesika ka seo se ka ba digela ka lemena la go tlhopha batho ba ba senang bokgoni le boikarabelo ntateng ya go dirisa botsala le lesika.

Mme Kgano a re mo melawaneng e mesha e e tsamaisang makgotlana a ditlhabololo, komiti nngwe le nngwe e tshwanetse go rolela setshaba pego ka ditiro tsa yone nako nngwe le nngwe morago ga dikgwedi tse tharo.

Mo ditlhophong tseo, tse di neng di emetswe ke batho ba le lesome le botlhano, Mme Boipuso Motsamai o ne a tlhophiwa modulasetilo fa Mme Kelebogile Mmereki a tlhophilwe mothusa modulasetilo, fa Mme Peggy Kebaneetse ene a tlhophilwe mokwaledi fa Mme Thekegelo Ncheng a tlhophilwe mothusa mokwaledi fa Mme Phetso Kebonang ene a tlhophilwe mmamatlotlo wa komiti eo

Bangwe ba ba tseneng mo komiting eo e le maloko ke Rre Gotsilemotho Botsang, Mme Pinkie Goitseone, Mme Segametsi Morale, Mme Gomolemo Nthompe le Mme Kagiso Keetile.

E  rile ba akgela morago ga ditlhopho banni ba Radisele ba ne ba supa boitumelo jo bogolo ka fa ditlhopho tseo di tsamaisitsweng ka teng ba bolela fa di ne di sena tsietso ka go ne go tlhophelwa mo sephiring.

Le fa morafe o itumeletse ditlhopho tseo, gone bangwe ba ne ba ngongoregela gore komiti ya pele e paletswe ke go rolela morafe pego ka ditiro tse ba di dirileng ga mmogo le pego ya madi fa ba sale ba tlhophilwe ka ngwaga wa 2014. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : RADISELE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 04 Dec 2016