Breaking News

Modulasetilo o batla ditlhabololo kwa Etsha 13

04 Dec 2016

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Etsha 13, Rre Thishanda Manyiha a re ditlhabololo di boutsana kwa motseng wa bone.

O buile se mo potsolotsong bosheng a tlhalosa gore go na le ditlhabololo tse ba saleng ba di kopa mo khanseleng ka lenaneo la ipelegeng mme ga ba ise ba fiwe phetolo.

Rre Manyiha o tlhalositse fa ditlhabololo tse di akaretsa go tlhabololwa ga mabitla a Etsha 10, Etsha 11 le Etsha 12, paakanyo ya ntlwana ya pelegi ko kokelwaneng, koketso ya matlo a boroko jwa barutabana ga mmogo le matlwana a borutelo ko sekoleng se sebotlana sa Etsha 13.

A re le fa go ntse jalo, go na le ditlhabololo dingwe tse ba neng ba di kopile tse di atlegileng jaaka go tsenya terata ko mabitleng a Etsha 13, go baakanya matlwana a borutelo, ga mmogo le go aga matlwana a badisa dikago a le mabedi ko kokelwaneng le sekole se sebotlana. A re morafe o iteela se legofi.

Rre Manyiha o rile le fa ntswa VDC ya bone e ikaegile ka madi a rente, ba ikaeletse go aga sekole sa bana ba ba dingwaga tse di ko tlase mo setsheng se ba se abetsweng ke lekgotla la kabo ditsha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboipeelwe Andreck

Location : ETSHA

Event : Potsolotso

Date : 04 Dec 2016