Breaking News

Tumelo e thusa go ikgapha

04 Dec 2016

Kgosana ya kgotla ya Mokwele kwa Letlhakeng, Rre Lebopelo Radimpa, a re lefoko la Modimo le botlhokwa thata ka le thusa go ntsha motho mo thaelong e bile le sedila maikutlo.

O buile seo fa a ne a a fa dikgakololo borre bangwe ba kgotla eo ba ba neng ba tshwerwe ka dithoto tsa bogodu di akaretsa mogala wa motlakase, pente le tse dingwe.

Borre bao ba barataro ba supile fa dithoto tseo ba di tsere mo lelwapeng lengwe le go sa nneng ope mo kgotleng ya Shageng bosigo jwa Matlhatso.

Rre Radimpa o kopile borre bao ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le bongwe le masome a mararo go emisa borukutlhi ka jaana ba tlaa felela ba ile kgolegelong ka bonana e bile ba ise ba itirele sepe mo botshelong.

O tlhalositse fa go papametse gore letlhoko la ditiro le kokonetse ba le bantsi, mme a re seo ga se a tshwanela go nna seipato sa go itshetsa ka go nna dinalanyana ka jaana mananeo a puso a go tlhamela batho mebereko a le teng.

A re o tshwentswe ke gore banana ba kgotla ya gagwe ba inaakantse le mekgwa fela e e sa siamang e bile ba itirile bosusu fa batsadi ba ba kgalemela.

Fa a bua mo potsolotsong Rre Radimpa o ne a tlhalosa fa a tshwenngwa thata ke dikgang tsa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba ba tsamayang masigo e bile ba fitlhelwa mo mafelong a ba sa letlelelweng mo go one jaaka marekisetso a nnotagi.

O ne gape a supa matshwenyego ka beng ba dikgwebo bangwe ba ba sa obameleng dinako tsa thekiso ya majalwa mo ba letsang bosigo jotlhe mme ba sena tetla a re se ke sone se raelang banana go tsamaya masigo mme ba felele ba tsene mo ditirong tsa borukutlhi.

Rre Radimpa o kopile batsadi go tshwaragana le ene go bona gore botho jwa mohuta o bo ya bokhutlong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gomolemo Moketo

Location : LETLHAKENG

Event : Potsolotso

Date : 04 Dec 2016