Dipodi di fa Gaogakwe seriti
04 Dec 2016
Batswana bangwe jaaka Mme Gaogakwe Bankagetse ba tsaya mananeo a puso ka tlhwaafalo.
Mme Bankagetse o kgonne go atolosa ntlo ya gagwe ya bonno ka thuso ya dipodi tsa lenaneo la LIMID.
Mme yo, wa dingwaga tse di masome matlhano le boraro wa Mogorosi, a re ke mongwe wa batho ba ntlha go tsibogela lenaneo le la LIMID ka ngwaga wa 2008.
O tlhalositse se mo potsolosong bosheng, a re morago ga go atlega ga kopo ya gagwe o ile a rekelwa dipodi tse dinamagadi di le lesome le boferabobedi le e tonanyana e le nngwe.
A re ngwaga wa ntlha leruo le ne la seka la dira sentle ka go ne ga a swa dipodi di le lesome mme ga sala di le boferabongwe fela.
Mme Bankagetse a re lefa seemo seo se ne se le botlhoko mo go ene, ga se a ka sa mo kgoba marapo.
A re lephata la temo-thuo le ne la ba rutuntsha go tloga ka ngwaga wa 2008, a tsena dithuto tsa go lema dijo tsa leruo kwa Ramatlabama, o o latelang wa 2009 a rutiwa ka go tlhokomela leruo mo Mogorosi mme ya re ka 2014 a ya go ithuta ka tsa temo ya merogo kwa Mahalapye.
O tswelela a re go nna le botsipa mo go tsa temo - thuo ga mo tiisa moko, o tlhokomela leruo la gagwe e bile o kentela dibokwana le diphilo ka dinako tsotlhe.
Bankagetse jaaka leina la gagwe le tlhalosa fa e le jaaka fa a agetswe mosako, dipodi tse di neng di setse tsa atlega lesaka la tlala la goroga kwa go masome a matlhano.
Ka ene e le motlhokomedi wa bana mo lapeng a le nosi, a re go ne go se motlhofo go ba tlamela mme dipodi tse di ne di thusa ka go duela madi a sekole, dijo le tse dingwe.
A tlhalosa gape gore gareng ga tse dintsi a bo a na le keletso ya go tlhabolola dikago tsa gagwe tsa bonno ka e ne e le dikamore tse tharo fela ka jalo a reka didirisiwa tsa kago go kokotletsa.
Kago ya gagwe a re e ne e tsaya dingwaga tse dintsi go emelela gape go le bonya, a seka a ineela a tswelela fela go fitlhela go tswa tema, mme mo bogompienong ngwana yo motona o setse a bereka le ene o tsentse letsogo.
Ko masimo le gone o kaile fa a rekile mapako le terata go agelela tshimo ya gagwe e a lemang dijo tsa leruo mo teng.
A re ngwaga o o fetileng mo go tsa temo ya dijo tsa leruo o bone dikgetsana di le masome a mararo le borataro mme tsa mo neela madi a a kanang ka P2 600.
Bankagetse a re o bona thuo ya dipodi e le motlhofo thata e bile di siametse bomme fa a di tshwantshanya le ya dikgomo a re tsone di dingalo di siametse go tlhokomelwa ke borre.
Le fa bogodu jwa leruo e le kgwetlho, a re go bona di fokotsega a di tseela mo gae go bapa natso le gore a di siele metsi a a mo lapeng go na le a sediba se se turu se a neng a kopile go nosa mo go sone ka se ne se lopa dikete tse tharo ka ngwaga.
A re maikaelelo a gagwe ke go phunyetsa leruo la gagwe sediba gore le seka la a nwa mo lapeng.
Bankagetse a re mo ngwageng o o fetileng, go sule di le tlhano go na le e tonanyana mo teng bakeng la pula.
Le fa go ntse jalo, a re ene leruo la gagwe ga le tshwenngwe ke malwetse ape fela.
A re gantsi ko diphuthegong tsa kgotla o rotloetsa banni ba motse wa Mogorosi go tsaya mananeo a puso ka tlhwaafalo, e bile ene ke sekao ka o setse a rekisetsa ba ba simolodisang dikgwebo tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Olebogeng Binang
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 04 Dec 2016






