Breaking News

Kokelo e amogela dimpho

01 Dec 2016

E ne ya re bosheng lekgotla la baruti kwa Tsabong la abela kokelo ya motse oo dimpho tse di tlaa dirisiwang ke balwetse ba ba robaditsweng.


Modulasetilo wa lekgotla le, Rre Boiditswe Samaano, a re ba dirile se go supa lerato mo kgaolong ya bone.


A re ba ne ba gwetlhiwa ke go lemoga fa kgaolo ya Kgalagadi e na le tlhaelo ya ditlamelo mo maphateng ka go farologana.


O ne a tlhalosa fa ba tlhophile go abela sepatela sa Tsabong ka gore ba lemogile fa se na le letlhoko la dilwana tse di dirisiwang ke balwetse.


A re sepatela ke lefelo le le botlhokwa fela thata mo matshelong a batho ka e le gone kwa go tsewang dithuso tsa botsogo teng.


O ne a tswelela a re mowa wa lorato ga wa tshwanelwa go buiwa ka molomo fela mme o tshwanetse go supiwa le ka ditiro tse di molemo.


A re balwetse ke batho ba ba tlhokang tlhokomelo e e tseneletseng, ba tshwanelwa ke go nna fa lefelong le le siameng e bile ba tshwanelwa ke go dirisa dilwana tse di lebegang go babalela botsogo jwa bone.


O ne a re fa molwetse a nna fa go leng phepa teng, botsogo jwa gagwe bo kgona go tokafala.


Erile a ntsha la gagwe, Rre Daniel Molefe go tswa kwa ofising ya ga molaodi a supa fa ba itumelela tiro e ntle e e dirilweng ke lekgotla la baruti ka e rotloetsa mowa wa kutlwelobotlhoko.


O tlhalositse fa kabo ya dimpho e tlaa kgothatsa badiredi ba kokelo  ya Tsabong e bile ba tlaa bereka go feta jaaka ba ntse ba dira.


O ne a rotloetsa lekgotla gore ba tswelele ba dira tiro e ka e ka tokofatsa matshelo a batho gape ba seka ba felela gone fa ba nne ba thuse ba bangwe.


Lekgotla la baruti le ne la abela abela kokelo, mesamo le dilopo tse di masome a mabedi le mealo ya letsela tse di masome a mabedi.


E rile fa a amogela dimpho tseo moemedi go tswa mo kokelong, Mme Dolly Motshegwe a supa fa a itumetse ka e bile ba ne ba na le letlhoko la dilwana tse di dirisiwang ke balwetse ba ba robaditsweng.


O ne a re lekgotla le ne la nna le tebelopele ya go ba abela dimpho ka nako e e maleba ka e bile ba lebile malatsi a keresemose, a re se se tlaa dira gore fa batho ba keteka malatsi a, le balwetse ba bo ba itumetse ka se ba se abetsweng gape ba le fa go kgatlhisang teng.BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Tshepiso Tsietso

Location : TSABONG

Event : Kabo dimpho

Date : 01 Dec 2016