Batsadi ba rotloediwa go nna le botsalano le bana
01 Dec 2016
Mokhanselara wa Gxhabara kwa Maun, Rre Vepaune Moreti, o rotloeditse batsadi go aga botsalano le bana ba bone go fokotsa mewa e e maswe e e ka bakang gore bana ba ikgapele matshelo a bone.
O buile se bosheng kwa phitlhong ya mosimane yo o ikgapetseng botshelo morago ga go fetsa ditlhatlhobo tsa lokwalo lwa mophato wa botlhano kwa sekolong se segolwane sa Maun.
“O le motsadi o tshwanetse go nna le boikarabelo jwa go itse se se tshwentseng ngwana wa gago maikutlo.
Se ikgatholoseng bana ba lona ka gore ke bone ba ba tsogang ba le boloka,” mokhanselara a tlhalosa.
O supa fa tiragalo ya go nna jaana e le ya ntlha go diragala mo kgotleng ya Gxhabara ka jalo e mo tsoseditse mafutsana, e bile o solofela fa e ka seke e tlhole e diragala gape.
A re batsadi ba tshwanetse go itse se ngwana a se ratang le se a sa se rateng go simolola fela fa ngwana a le kwa tlase ka lore le ojwa le sale metsi.
Rre Moreti a re batsadi ba nne le leitlho le le bogale la go lebelela bana ba bone, mme e re ba bona go na le pharologano mo go bone ba tsibogele seemo sa teng pele se tsaya phekelo e sele
Rre Moreti a tswelela ka gore dinako tse dingwe o utlwa motsadi a re o kgalemile o lapile, mme se se supa fa batsadi le bone ba na le seabe mo go tlhokeng tsebe ga bana.
A re ga gona fa motsadi a felelang teng, fa a bona a kgalemile go pala a tshwanetse go bona ba ba ithutetseng go sidila maikutlo, bommaboipelego kgotsa dikgosi.
O supile fa kgosi e letlanya e bile e aga morafe le bana ba ba tswang mo tseleng, ka jalo batsadi ba tshwanetse go tshwaragana le dikgosi go fenya mathata a go tshwana le a.
O ne a supa fa banana ba tshwanetse go ithuta gore mo botshelong go na le nako ya gore batho ba tlhoke go dumalana, mme se se sa reye fa e le jone bokhutlo jwa botshelo. “ banana ba tshwanetse go itse gore diemo tse di teng.
O ne a rotloetsa batsadi go nna le bana go itsa boitsholo jo bo sa letlelesegeng, ka gore fa batsadi ba seyo bana ba felela ba inaakanyana le dilo tse di diphatsa mo botshelong jwa bone go na le fa motsadi a le teng.
Go supa fa ngwana a tshwaraganelwa, Rre Moreti o ne a kopa baruti ba dikereke tse di faroganeng go bua ka diemo tsa go nna jaana mo dikerekeng gore di kgone go fokotsega.
E re go ntse jalo,mongwe wa batsadi Rre Tjipanga Nguandji, o tlhalositse fa kgang e e mo amile e bile e mo rutile gore e le batsadi ba tshwanetse go aga botsalano jo bo tsepameng le bana ba bone.
A re go mo tlama gore a simolole go itse se ngwana wa gagwe a se dirang mo letsatsing le a se akantseng.
Rre Nguandji a re borre ba tshwanetse go itse basadi ba bone gore dikgang tsa dipolaano tsa baratani di kgone go fokotsega.
O supile fa a eletsa gore go nne le mekgatlho mo dikgotleng e e ka nnang e ruta batho ka dikgang tse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Montle Modisawamarole
Location : MAUN
Event : phitlhong
Date : 01 Dec 2016






