Bogodu jwa leruo bo kokonela Shashemooke
01 Dec 2016
Kgosi ya Shashemooke, Kgosi David Adam, a re barui ba tshelela mo selelong ntateng ya bogodu jwa leruo.
Kgosi Adam o boletse matshwenyego ao mo potsolotsong bosheng.
A re barui ba motse oo ba setse ba sa bone boroko ka jaana ba robala ka leitlho le le lengwe ba tshogetse leruo la bone gore a e tlaa re mo go le le latelang ba le fitlhele le le mmogo.
O supile fa dikgang tsa go utswiwa ga leruo m e le tsone tse ba di sekang gangwe le gape.
Kgosi o tlhalositse fa leruo le le utswiwang thata e le dihutshane le dikgomo mme a supa gore fa ba latedisa dikgang tsa mohuta o, motlhala o felela mo tseleng, mme ba lemogile fa leruo le le utswiwang le bona mmaraka kwa Francistown.
O tlhalositse fa magotswana a a tlhorontsha segolo bogolo barui ba ba bonang dithuso tsa mananeo a puso a akaretsa a dithuso tsa banana, a dithuso tsa bong le a mangwe. Kgosi Adam o ne a tlhalosa fa mokgwa o o tshwanelwa ke go kgalengwa go mennwe phatla ka o ka nna le seabe se segolo go folodisa maiteko a puso a go nyeletsa lehuma mo Batswaneng ka bophara.
A re fa e ne e se ka borukutlhi jo, bontsi jwa batho ba ba thusitsweng ka mananeo a puso go itshimolela dikgwebo tsa thuo ba ka bo ba kgonne go fitlhelela maikaelelo le maikemisetso a bone go dira thuo kgwebo.
Kgosi o bile a ikuela mo baruing ba morafe wa gagwe le lefatshe ka bophara go nna ba disitse leruo la bone go le itsa gore le ba tswe ka diphatlha tsa menwana.
“Ke tshwanelo ya morui mongwe le mongwe gore ka dinako tsotlhe a itse kwa leruo la gagwe le hulang teng mme e bile e re mo maitseboeng ba le tlhatlhele mo masakeng,” a tlhagisa jalo.
O ne gape a tlatsa ka go tlhalosa gore mongwe le mongwe a rwale boikarabelo go netefatsa gore borukutlhi jo bo nna phitlhela kgomo ya serotswana mo kgaolong ya bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebatsaletse Ongadile
Location : SHASHEMOOKE
Event : interview
Date : 01 Dec 2016






