Bokamoso bo a itirelwa
01 Dec 2016
Bana ba Save Our Souls (SOS) kwa Serowe ba rotloeditswe go simolola go ipetlela tsela ya botshelo.
Mafoko aa builwe ke modulasetilo wa khansele-potlana ya Serowe, Rre Mpho Kooreme, kwa moletlong wa letsatsi la matsalo a Morena o o neng o rulaganyeditswe bana ba SOS.
Rre Kooreme o ne a gwetlha bana gore ba tseye ditshwetso tsa gore ba batla eng ga ba batle eng mo matshelong a bone.
A re bokamoso bo agiwa fa motho a itlhaloganya e bile a itse se a se batlang mo botshelong.
Modulasetilo o ne a rotloetsa bana go bereka ka natla le go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo.
O tladitse ka gore badiri ba SOS ba teng go thusa bana go nna le seriti mo setshabeng mme bana le bone ba na le seabe mo go netefatseng gore maiteko ao a a diragala.
Fa a ntsha la gagwe, moeteledipele wa SOS kwa Serowe, Mme Dimakatso Thabologo a re ba tlhokometse bana ba le masome a ferabongwe le bongwe mo nakong ya gompieno.
O ne a tlhalosa fa maikaelelo a SOS e le go fa bana lorato la botsadi gore e tle e nne bana ba ba sa amogelesegang mo setshabeng.
Moeteledipele a re botsadi ja SOS gape bo ruta bana molao le maitsholo a mantle ba bo ba netefatsa gore bana ba bona thuto e e siameng.
Mme Tebogo Tshireletso yo e leng mogakolodi o ile a gwetlha bana go farologanya molemo le bosula gore seo se tle se ba thuse go itseela ditshwetso ka matshelo a bone.
A re bana ba tshwanela ke go ikemela ka dinao fa ba dira ditshwetso tse di amang bokamoso ja bone.
Mme Tshireletso o ne a rotloetsa bana go nna le lorato magareng ga bone a re tlhokomelo e ba e bonang mo SOS ke sone sekao sa lorato.
Mogakolodi yoo o ne gape a lemosa bana botlhokwa ja go tlotla batsadi ba bone ja SOS a re bo ikitshitse ditlhabelo mme ka jalo ba tshwanelwa ke go lemogwa.
Mme Tshireletso o akgotse batlhokomedi ba SOS ka tiro e ntle e ba e dirang ya go tlhokomela bana.
Fa a ntsha la gagwe, morotloetsi yo mogolo wa letsatsi leo, Rre Chimbidzani Chimidza a re maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go lemotsha bana ba SOS gore le bone ke karolo ya motse wa Serowe.
Rre Chimidza a re moletlo oo e ne gape e le go supegetsa bana bao lorato le go ba rotloetsa gore ba ka fitlhelela tsotlhe tse ba di batlang mo matshelong a bone jang.
Morotloetsi yoo gape o ne a re ka moletlo oo, bana ba ne ba tla go lemoga le go itumelela batlhokomedi ba bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Itumeleng Gabosekwe
Location : SEROWE
Event : Christmas party
Date : 01 Dec 2016






