Matlakala ga se leswe fela
01 Dec 2016
Matlakala a kgona go tlhabolola matshelo le go tsisa khumo mo setshabeng.
Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa lephata la Waste Management and Pollution Control, Mme Oarabile Serumola, kwa ditshupong tsa go tsosolosa itsholelo le go oka bagwebi tsa Shoshong Investment Promotion Show kwa Shoshong bosheng.
Mme Serumola a re go le gantsi setshaba se tsaya gore matlakala a tsisa fela tse di maswe le go leswafatsa tikologo mme se se ka fetoga.
O ne a tlhalosa gore bogologolo pele lefatshe le tsaya boipuso, matlakala a a neng a tlhwaelesegile e ne e le a gantsi a tswang kwa masimo a bakilwe ke temo, mme e rile morago ga boipuso batho ba oketsega matlakala le one a ntsifala.
A re go ne ga nna le koketsego ya matlakala lefatshe ka bophara, a ka one a ileng a leswafatsa tikologo le go ka baka malwetse a tshwana le a malaria, kankere le a mangwe fela a a koafatsang batho.
A re tiriso ya megala ya letheka le yone e ne ya gola mo e neng ya baka kgotlelesego ya tikologo le go koafatsa batho, ka e bile ba le bantsi ba sa itse gore e dirilwe ka dikhemikhale dingwe tse di borai mo matshelong a batho le tikologo.
Le fa go ntse jalo, Mme Serumola a re lephata la gagwe le ikaeletse go ruta setshaba ka go somarelela matlakala le go boloka tikologo.
A re ke ka moo le puso e neng ya simolola lenaneo le ka lone e neng ya aga mahuti a matlakala mo metseng e metona kwa go latlhelwang matlakala teng le go leka go laola seemo sa matlakala mo lefatsheng.
Mme Serumola a re mo bo gompienong puso ka lephata la bone e ruta setshaba gore matlakala a ka tsisa khumo mme matshelo le itsholelo ya merafe ya fetoga.
O ne a tlhalosa gore go na le matlakala ka mefuta, mme e bile mo nakong eno e lefatshe le tshabelelwang ke leuba batho ba ka inamola mo leubeng kgotsa ba nyeletsa lehuma ka go dirisa matlakala ka fa go siameng.
A re sengwe le sengwe se motho a se tshwarang se ka busetsa mme matshelo a fetoge, a tlatsa ka gore le one metsi a a leswe setshaba se ka a dirisa go leka go lema dijo tsa leruo mme ka jalo ba boelwe.
O ne a re ke ka moo go simolotsweng kgopho ya metsi a a leswe gore jaanong setshaba se ka a dirisa go leka gore a ba busetse mme matshelo a fetoge, mme e bile gape ba tlhame ditiro.
O ne a gakololola batsaya karolo mo ditshupong tseo gore mo lefatsheng leno go na le dikgomo di le dintsi, mme se fela ka bo sone setshaba se ka ithuta go fetlha motlakase o o ka dirisiwang go apaya mme ba emisa go kgaola ditlhare tse ka tsone di laolang seemo sa kgotlelesego ya tikologo.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SHOSHONG
Event : ditshupo
Date : 01 Dec 2016






