Kgosi o atla moletlo wa letlhafula
05 Jun 2013
Moemela kgosi yo mogolwane kwa Maun, Kgosi Charles Letsholathebe a re letsatsi la ngwao la letlhafula le botlhokwa thata ka jaana le supa ngwao.
Kgosi o buile jalo fa a bula moletlo wa dijo tsa letlhafula semmuso kwa Cresta Rileys kwa Maun Seetebosigo a thola gangwe. A re moletlo oo o supegetsa merafe e e tswang kwa ntle ga lefatshe leno gore Batswana ke batho ba ba itshetletseng mo ngwaong.
A re go boammaaruri gore tshaba e se nang ngwao ke moka e latlhegileng, mme ka jalo a kopa bagolo gore ngwaga le ngwaga fa moletlo wa letlhafula o nna kwa Maun, ba nne ba isa bana gore ba ye go ithuta ka ngwao.
O tlhalositse fa go ipela e le bontlha bongwe jwa go tlhabolola lefatshe, a tswelela a re nako ya gompieno ke e ditlhabololo di fekeetsanang ka dingwao le setso. Kgosi Letsholathebe a re banana le bagolo ba setse ba ineetse mo ngwaong tsa batswakwa ba ikgatholosa ya bone, ba bo ba ya le dilo tse ba reng ke tsa ditlhabololo mme a re ga go ree gore tlhabololo e raya gore ba bifele segabone.
O akgotse barulaganyi ba moletlo oo, ba Cresta Rileys le ba poko ba Poetavango, a re letlhafula le tlaa ba golaganya ka jaana kgaolo ya bokone bophirima e na le dingwao tse dintsi tse ba ikgantshang ka tsone. A re batho ba tshwanetse go tlhaloganya gore mo dingwageng tse di fetileng, dipula di ne tsa nna boutsana, a re ke sone se se dirileng gore moletlo oo o seka wa tshwarwa. O tlhalositse fa gape kgaolo ya Nhabe e na le mefuta ya dijo e e sa bonweng mo mafelong a mangwe jaaka tswii, makhongara le tse dingwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Onalenna Mokhawa
Location : MAUN
Event : Moletlo wa letlhafula
Date : 05 Jun 2013






