Breaking News

Batswakwa ba tsoma boagedi jwa Botswana

05 Jun 2013

Tona wa tsa Pereko le Selegae, Rre Edwin Batshu, o boletse fa puso e tshwentswe thata ke batswakwa ba bantsi ba ba batlang boagedi jwa lefatshe la Botswana ka matlho a mahibidu.

Tona Batshu o buile jalo fa a ne a tshwere phuthego ya kgotla kwa Letlhakane bophirima mo kgaolong potlana ya Moshupa. O ne a itsese setshaba ka melawana e e dirisiwang mo lephateng la gagwe.

Rre Batshu a re kagiso, thokgamo, therisanyo le mananeo a itshetso a mantle a puso a dira gore batho ba mafatshe a sele ba meletse lefatshe leno mathe. O boletse fa bontsi jwa batswakwa ba leka ka ditsela tsotlhe go nna baagedi ba Botswana gore le bone ba tle ba akole mananeo a a akolwang ke Batswana.

O boletse fa jaanong batswakwa bangwe ba iphitlha ka Batswana gore ba bone boagedi. O kgadile Batswana ba ba fitlhang batswakwa le ba ba ba supelang  gore ke masika a bone gore ba fiwe boagedi ka ke molato o motona go dira jalo.

Mo dikgannyeng tse dingwe, Tona Batshu yo gape e leng e bile e le mopalamente wa Nkange, o ngongoregile ka batho ba ba tlolang melelwane ka bokukuntshwane. A re lephata la gagwe le tshwenngwa le ke dipalopalo tsa dipasa tse di sa tseweng ga mmogo le go latlhwa ga bo Omang.

A re ba etse tlhoko gore batho bangwe ba tlogela dikarata tseo kwa go bomatshonisa ba bo ba ya go bega gore di latlhegile. Baagi ba Letlhakane bophirima ba boletse fa dituelo tsa bagodi di diega e bile maina a ba ba tlhokafetseng a sa ntshiwe ka bonako. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 Jun 2013