Breaking News

Diphuthego tsa kgotla di botlhokwa

30 Nov 2016

 Kgosi Biki Nthomang wa motse wa Lefoko mo kgaolong ya Borwa a re go botlhokwa gore morafe wa motse o tsene diphuthego tsa kgotla ka e le gone kwa dikgang tsa motse di tshwarelwang teng.
E rile a bua mo potsolosong bosheng, Kgosi Nthomang a re go nna maoto a tshupa mo go tseneng diphuthego tsa morafe ke gone go bakang tiego ya ditlhabololo tsa motse ka jaana kgotla ke lefelo le le botlhokwa la ditlhabololo, lefelo la motheo wa dipuisano le go tseelwang ditshwetso tsa motse mo go lone.
A re morafe o ntsha maikutlo a one ka tse di amang motse di tshwana le ditlhabololo, tebelopele le ditogamaano gone mo diphuthegong tse tsa kgotla. O ne a supa fa a sa itumelele morafe wa gagwe ka o le maoto a tshupa go tsena diphutego tsa kgotla.
“Fa ke bitsa morafe ga ba tle ka dipalo tse di nametsang, ke palo fela e e tsenang mo seatleng ya ba ba tsenang diphuthego tse tsa kgotla e bile palo e e le babereki ba ipelegeng selo se se sa itumediseng,” Kgosi Nthomang a tlhalosa.
O ne a tlhalosa gape fa go tsena diphuthego tsa kgotla go na le seabe se segolo mo tshomarelong le tlotlomatso ya ngwao, a re se se ka thusa gore ngwao e se latlhege le gore e fetisediwe kwa dikokomaneng.
A re popagano le tirisano mmogo tse di tlhokegang di ka nna fela fa morafe o ka tsena diphuthego mme se se tsise boitumelo mo motseng ka se ka thusa le gone go lwantsha dikgang di tshwana le borukutlhi mme kagiso e rene mo motseng.
Go sa le foo, Kgosi Nthomang o kaile fa a tshwentswe gape ke boimana jo bo sa laolesegeng mo motseng wa gagwe, a re go tshola bana  batho ba sa katologanye tsholo ga se selo se se siameng ka jaana bana ba sa fiwe lerato le ba tshwanetseng go le fiwa sentle ke batsadi ba bone ba sale bannye mme se se bake gore ba seka ba gola sentle.
Kgosi Nthomang o kopile morafe wa gagwe segolo jang banana go sa ipone tsapa go tsena diphuthego tsa kgotla.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thandi Tebelelo

Location : LEFOKO

Event : interview

Date : 30 Nov 2016