Breaking News

Lephata le tokafatsa matshelo a banana

30 Nov 2016

Go bolelwa fa lephata la banana metshameko le  tlhabololo ngwao le tokafatsa matshelo a banana ba Kweneng.
Se se boletswe bosheng ke modiredi wa lephata leo wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Oduetse Mokenti mo potsolosong le lekalana la dikgang la BOPA. Rre Mokenti o tlhalositse gore e re le mororo ba itemogela dikgwetlho tsa letlhoko la madi mo lephateng, lephata le dirile go le gontsi ka le kgonne go thusa go ntsha banana ba kgaolo ya Takatokwane le dikgaolo tse di mabapi mo mekgwatheng.
O boletse gore tshologelo ya mananeo ke banana ba kgaolo eo ke e e kwa godimo thata. A re o itumedisiwa thata ke gore banana ba kgaolo eo ba leka thata go tsaya le go dirisa mananeo a mmuso go tokafatsa matshelo a bone.
A re mo ngwageng ono ba kgonne go thusa banana ba feta lekgolo mo kgaolong ya gagwe.
Rre Mokenti a re o itumedisiwa ke gore ba kgonne se ntswa kgaolo ya bone e le bophara ka e akaretsa mafelo a a kgakala le ditlamelo.
A re go lemosegile fa banana ba kgaolo e ba supa kgatlhego thata mo leruong, mme a re sebe sa phiri ke gore banana ba lebanwe thata ke kgwetlho ya malwetse.
A re ngwaga ono go nnile le bolwetse jo bo amogileng banana ka bontsi leruo la bone. A re dikgwetlho tse dingwe tse banana ba di itemogelang thata ke letlhoko la phulo ka kgaolo eo le yone e amilwe ke leuba le le amileng lefatshe ka bophara.
A re ntswa banana ba itemogela dikgwetlho se ga se ba kgobe marapo ka ba leka ka bojotlhe gore ba potlakele go busa madi a ba a adimilweng ke puso.
O kaile gore mo bananeng ba ba supang kgatlhego mo go tsa metshameko ba dira go nametsa, selo se a reng se ba kgapha mo go iphitlheleng ba tsaya karolo mo ditirong tsa borukutlhi le tse dingwe tse di ka bayang matshelo a bone mo diphatseng.
Rre Mokenti a re banana ba ba batlang tsa botaki le bodiragatsi ba supile kgolo monongwaga go feta dingwaga tsotlhe.
Rre Mokenti o konetse ka gore go na le tsholofelo ya gore e tlaa re mo nakong e e tlang matshelo a banana ba a bo a fetogile go nna a maemo a ntlha ka ba tlaa bo ba sa tlhole ba tshelela mo lehumeng.BOKHUTLO
 

Source : BOPA

Author : Koziba Masaseng

Location : LETLHAKENG

Event : interview

Date : 30 Nov 2016