Breaking News

Inaakanyeng le Modimo - Mokhanserala

30 Nov 2016

 Mokhanselara wa kgaolo ya Tidimalo, Rre Solomon Dikgang o gakolotse banana ba kereke ya Saint Apostolic go itshetlela mo Modimong ka e le bone baeteledipele ba lefatshe.
     Rre Dikgang o buile seo bosheng kwa Serowe fa a ne a bula semmuso  kokoano ya banana ba kereke ya Saint Apostolic mo setlhogong se se reng: ‘Ilang  se se bosula , ngaparelang se se molemo.”
Mokhanselara o ne  a re  banana ba tshwanetse go ikgapha mo dilong tsa selefatshe mme ba inaakanye le Modimo gore e nne banana ba tlhwatlhwa kgolo ka dinako tsotlhe.
Molalediwa wa tlotla o ne a re banana ba tshwanetse go bereka ka natla, ba tswe mo  senameng mme ba direle Keresete ka botshelo jwa gompieno bo le thata kwa ntleng le  go tshelela Modimo.
Rre Dikgang a re go le gantsi dilo tse di sa siamang di diragala mo lefatsheng leno mme di tlhoka bakeresete go ema ka dinao gore ba kgone ba di heme.
O ne a re banana ba tshwanetse go bula dipelo tsa bone ka se se ka ba isa golo gongwe mo botshelong.
O tsweletse ka gore Batswana ba latlhile ngwao ka ga ba tsamaise ngwao ka fa go tshwanetseng ka teng mme selo se a reng, Batswana ba bolawa ke gore re rutegile mme se se dire gore ba lebale segabone.
    Rre Dikgang a re ba itemogetse gore dikereke dingwe ga di a kwadisiwa ka fa molaong fa dingwe tsa tsone di tsenela mo malwapeng a re  selo se ke molato go dira jalo ka a kaya fa khansele ba tsere ditshwetso tsa  go thuba dikereke tseo ka gore ditsha tsa metse ga di a tshwanela go agela dikereke.
Mokhanselara o kaile fa ba na le matshwenyego a gore Batswana bangwe ba hirisetsa dikereke malwapa a bone le ntswa se se le kgatlhanong le molao wa lefatshe leno.
O bile a kaya fa dikereke di tsenela gongwe le gongwe a re se ga se molao mme o kgadile mokgwa  wa go nna jalo  ka dikereke di tshwanetse tsa sala molao morago wa go batla ditsha gore di tle di kgone go obamela teng.
Rre Dikgang a re Batswana ga ba dumele mo tlotsong ya bone mme ere ba batla dithuso ba ikanya go ya kwa mafatsheng a mangwe ka jalo o ba rotloeditse go ka batla dithuso mo lefatseng la bone le go  ipelafatsa ka dikereke tsa bone ka jalo ba tseye le ditshegofatso tse di  lebaneng mo dikerekeng tsa bone.
O rotloeditse bakeresete gore ba seka ba nyatsa baruti ba lefatshe la bone ka ke bone fela ba ka ba thusang e seng ope gape o ka ba thusang a tswa kwa mafatsheng a mangwe.
A re e le kereke ba tshwanetse ba itirele dilo di tshwana mananeo a diphitlho go thusa gore ba iphitlhe ba seka ba baya fela gore khansele ke yone  e tshwanetseng go ba thusa ka dinako tsotlhe.
Mo go tse dingwe mokhanselara a re ba tshwanetse ba tsisa tsa botsogo mo kerekeng go thusa bakereki  go itlhatlhobela malwetse otlhe mo kerekeng ka kereke e le yone e tshwereng  matshelo a setshaba.
O kaile fa  ba tshwanetse go itse ka fa ba tshelang ka teng  a bo a rotloetsa kereke go ja dijo tse di siametseng mebele ya bone  le go itshidila mebele mme ba lese go ja dijo tse di sa siamelang mebele ka e le tsone tse di ba okelang malwetse a segompieno.
O bile  a lebogela banana ba kereke ya Saint Apostolic go bo  ba ineetse mo kerekeng ka e le yone fela e ka agang matshlo a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Kgosikhumo

Location : SEROWE

Event : phuthego ya Saint Apostoli

Date : 30 Nov 2016