Breaking News

Motshelo o tokafatsa itsholelo ya malwapa

30 Nov 2016

 E re jaaka ngwaga o fela bomme  ba  motse  wa Bobonong  ka  bontsi  ba  simolotse go supa fa motshelo o le botlhokwa thata mo go tokafatseng itsholelo ya malwapa.
Bomme ba netefaditse se, ka go tsisa madi le dijo tse ba di kgaoganang kwa metshelong e ba ntseng ba e tsene mo tshimologong ya ngwaga.  
Metshelo e supa fa bomme ba tlogetse  mokgwa  wa  bogologolo o go  neng  go dumelwa fa  rre  e leng ene a lebaganweng ke boikarabelo ja go  tlhokomela  lelwapa.
Bomme ba motse  wa Bobonong ba  supile fa ba   tseneletse metshelo e e farologaneng jaaka  e go kokoanngwang  madi   kgwedi  le  kgwedi   mme  a   kgaoganwe  ngwaga  o fela kgotsa o go kokoanngwang madi mo gare ga ngwaga e re ngwaga o fela go rekwe dijo tse di kgaoganngwang ka go lekana.
Bangwe ba bomme ba ba mo ditlhopheng tsa metshelo ba buisantse le BOPA ba tlhalosa ka fa metshelo ya bone e tsamaisiwang ka teng.
Moeteledipele  wa setlhopha sa Mabogo Dinku  a a  thebana, Mme  Seanokeng  Mothusi  o  tlhalositse fa  motshelo  wa  bone  e le  wa  madi.
A re  maloko  a bone  o  ntsha  makgolo   a   mabedi  a  dipula kgwedi  le  kgwedi mme  e re fa  ngwaga  o fela ba  kgaogane  madi  a ka go lekana  ka kgwedi  ya  Sedimonthole.
Mme   Mothusi   o tlhalositse  fa  ba  simolotse  motshelo  wa  bone  ba sena  go  lemoga  fa  malwapa  ka  bontsi  a sa  kgone  go  ipolokela  madi  mo  o  fitlhelang  go  baka  gore a  felele   a le   mo  dikolotong   segolo jang ka  nako ya ngwaga o fela  e go dirisiwang  madi a mantsi  go  ipelela  keresemose.
Mme   Mothusi   o  tlhalositse  fa  motshelo  wa  bone  o  tokafaditse  itsholelo  ya  malwapa   a bone  fela  thata  ka  ba  kgona   go  reka  tse di  tlhokwang  ke  malwapa  a bone  ka  madi  ao.
Mme  Agnes  Goitsemang  wa setlhopha  se sengwe  sa  Emang  Basadi se se  bopilweng   ka  bomme  ba le  boferabongwe   se dira   motshelo o  mo go  one go  rekelanwang  didirisiwa   tsa mo  lwapeng.
Mme  Goitsemang o tlhalositse  fa ba ntsha  lekgolo  la  dipula leloko  lengwe  le  lengwe ka kgwedi.
A re mo ngwageng ba kokoanya madi a a tshwarang dikete di le lesome le makgolo a le boferabongwe a dipula.
O boletse fa ba kgaogana madi a ka go lekana mme mongwe le mongwe a rekelwe didirisiwa tsa kago tse a di batlang.
Mme Goitsemang  a re nako  nngwe  maloko  a kgona go kopa tetla ya go dirisa madi a mo ditirong tsa bone tse setlhopha sa bone se netefatsang fa madi a a dirisiwa mo tirong e e sologelang lelwapa molemo jaaka go reka dijo.
Rre  Richard  Mothusi   yo   mme    wa    gagwe   a   tseneletseng    merero   ya    metshelo  o    tlhalositse  fa  mme  wa  gagwe a aga a tla mo lwapeng la bone ka madi a a tshwarang dikete tse thano tsa dipula ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Sedimomthole a tswa kwa setlhopheng sa gagwe se a dirang motshelo le sone.
A re se, se tsisitse pharologanyo e ntsi thata mo lwapeng la gagwe faesale mosadi wa gagwe a simolola go tsenelela metshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kago Kgosietsile

Location : BOBONONG

Event : interview

Date : 30 Nov 2016