Breaking News

Balemi ba kgothadiwa go nna tlhaga

30 Nov 2016

 Balemi ba Shashemooke ba kgothaditswe go tlhagafalela temo ka ke yone seikokotlelo sa Batswana.


Fa a bua mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA bosheng, Kgosi David Adam a re ka jalo serodumo sa temo se tshwanelwa ke go tshegediwa go ya pele.


O tlhalositse fa Batswana ba tswa kgakala ba tshela ka temo mme ka jalo go ne go sena malwapa ape a a welang mo isong.


Gape o ne a tlatsa ka go tlhalosa fa mo nakong eno puso e tsentse letsogo le le bonalang go ema balemi nokeng ka mananeo a a farologaneng a temo.


“Tota mo malatsing a gompieno go ka nna thona gore Batswana ba itshele meriti e tsididi go tsena mo temong ka jaana go le mananeo a le mmalwa a mo go one puso e itlamileng go thusa Batswana ba balemi ka ditsompelo tsotlhe tse di tlhokegang di tshwana dipeo, menontshane ga mmogo le dichefi tota,” a bua jalo.


A re se se tlhokafalang fela ke gore Batswana ba emele matshelo a bone ka dinao ka go akola mananeo a go nna jalo go itlodisa melatswana e penologa.


Kgosi Adam a re mananeo a tshwana le ISPAAD a maleba thata ka a thusa balemi botlhe ka ditsompelo tsa temo, se e le tsela nngwe ya go leka go rotloetsa mongwe le mongwe go tsena mo temong.


O tsweletse a tlhalosa fa mongwe le mongwe a ka nna tlhaga mo temong go ka thusa lefatshe leno go menagane go ntsha dijo tse di lekaneng, mme seo se fokotse morwalo wa go reka dijo kwa mafatsheng a sele.


Gape o tlhalositse fa go le botlhokwa gore balemi ba lemoge fa go dirisiwa madi madi go ba tlamela ka ditsompelo tsa temo.


Ke gone ka moo a supileng fa balemi ba tshwanelwa ke go netefatsa gore ba tlhokomela masimo a bone go tloga mo nakong eno ya letsema go fitlha ka nako ya thobo.


O boletse fa go na le bangwe balemi ba ba nang le mokgwa o o sa letlelesegeng wa go phuaganya masimo a senngwa ke leruo kgotsa a jewa ke mhero, mme ka jalo e re ka nako ya thobo ba bo ba tswa ba iphotlhere matsogo.


A re go dira jalo ke tshenyetso setshaba ka jaana tsholofelo ya dithuso tse ba di neelwang tsa temo ke gore di ba sologele molemo le lefatshe ka bophara.


O bile a kgothatsa segolo bogolo banana gore e nne bone ba ba di gogang kwa pele mo temong, a re nako e gorogile gore banana ba tsee tsia temo ka jaana e le bone ba ba amegileng bobe ke letlhoko la ditiro.


A re ba tseye malebela mo matlhogoputsweng gore phularong ya bone ba sale ba tsweletse le temo.


Kgosi Adam o gakolotse balemi go sa ikgatholosa dikgakololo tse ba di neelwang ke balemisi kwa dikgaolong tsa bone.


O tlhalositse fa balemisi ba aga ba kgothatsa balemi go inaakanya le methale e mesha ya temo go leka go itepatepanya le diemo tsa bosa tse di sa ikanyegeng gompieno.


A re balemi ba inaakanye le dijwalo tse di bogadi bo gaufi tse di ka kgonang go emelelana le diemo tsa segompieno tsa bosa.BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : SHASHEMOOKE

Event : interview

Date : 30 Nov 2016