Lekoko le lekola mananeo
30 Nov 2016
Leloko lwa lekoko le le romilweng ke Tautona go tsamaya ba lekola mananeo a puso yo e neng e le Tona wa pele wa botsogo Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri a re tiro ya bone ke go tsamaya ba bona tswelelopele ya mananeo le dikgwetlho tsa one.
Rre Matlhabaphiri o buile jalo mo Letlhakane Ka Labotlhano a supa gore puso e ntshitse mananeo a ka jalo go botlhokwa gore go bonwe gore a mme mananeo a dira se e leng maikaelelo a puso le gore fa go sa nna jalo mathata ke eng.
A re lenaneo la nyeletso lehuma le setse le thusitse Batswana ba feta 20 000 go dirisiwa madi a mantsi.
Rre Matlhabaphiri a re puso e leka go ntsha Batswana mo lehumeng ka one ka jalo go botlhokwa gore go bonwe gore a mme maikaelelo a puso a a diragala.
Mongwe wa ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma, Mme Cecilia Mogogomela yo o filweng didirisiwa tsa kapei, o ne a re o leboga puso ka lenaneo ka gore le fetotse botshelo jwa gagwe.
A re o kgonne go ithekela dilwana tsa ntlo,o duelela bana madi a sekole e bile o kgobokanya dilwana tsa kago.
Mme Maria Golaolwang a re ene o filwe dipodi di le 19 ke ofisi ya banalebogole , mme tsa tla go nna 110 , pele a rekisa di le 50 go aga motse wa ngwao go godisa kgwebo ya gagwe.
Mme Outwetse Xwaxwane a re o filwe dipodi di le lesome le bongwe tsa nyeletso lehuma ka 2014 gompieno di masome a mabedi le bosupa a re di fetotse botshelo jwa gagwe.
Mokhanselara wa Letlhakane Botlhababa, Rre Ketshwereng Galeragwe o ne a supa gore go na le mananeo a a dirang sentle le a a sa direng sentle.
Rre Galeragwe o ne gape a re go na le bangwe ba ba sa fiwang dithoto tsa bone tsotlhe le bangwe ba lenaneo la nyeletso lehuma ba ba iseng ba thusiwe gotlhelele.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : Kgotla Meeting
Date : 30 Nov 2016






