Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa loso lwa mosimane

30 Nov 2016

Mapodisi a Kutlwano a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone  mosimane wa dingwaga  tse di lesome  le bosupa a neng a tlhajwa ka sengwe se se bogale mo mafatlheng.

Se se builwe ke Mogolwane wa mapodisi ao Superintendent Neo Serumola mo potsotsolong le BOPA bosheng gore tiragalo eo e diragaletse kwa maitisong a mabentlele a Statellite bosigo.

Superintendent Serumola o tlhalositse fa ba ne ba amogela mogala go tswa mo go mongwe mme a ba begela ka gore o bona motho a rapaletse mme go lebega a na le ntho.

A re ba ne ba ragogela kwa tiragalong eo mme ka go tlhoka lesego ba fitlhetse mosimane a ragoseditswe ke bangwe kwa Sepateleng sa Nyangabgwe .

Superintendent Serumola a re ba ne ba fetela kwa sepateleng go ya go netefatsa le go bona  mosimane yoo mme ba feta ba kopana le ngaka e e neng ya rurifatsa fa mosimane a gorogile a ntse a fedile.

O tsweletse a re maina a moswi a sa ntse a lobilwe go fitlhelela ba losika ba itsisiwe le mororo ba tshegeditse basimane ba le bararo go ba botsolotsa mabapi le tiragalo eo.

Superintendent Serumola o kopile botsadi bogolo jang go tlhokomela bana a re ba tshwanetse go tsaya maikarabelo ka bana  ba bone letsatsi le letsatsi ka go laola metsamao ya bone bosigo le motshegare.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : FRANCISTOWN

Event : interview

Date : 30 Nov 2016