Mogokgo o leboga puso
29 Nov 2016
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Seleka kwa kgaolong ya Sefhare/Ramokgonami Mme Violet Modikwa a re o lebogela gobo puso e ne ya bona go tshwanela gore go simolodisiwe dikole tsa bananyana kwa dikoleng tse dipotlana.
O buile se bosheng kwa motseng wa Seleka kwa moletlong wa kaloso ya bana ba ba yang go dira lekwalo la ntlha mo ngwageng o o tlang.
A re tshimolodiso ya dikole tsa bananyana ke kgatelopele e e tlaa tsholetsang maduo a dikole.
Mme Modikwa a re dikole tsa bananyana di na le mosola fela thata ka di baya ngwana mo seemong se se siameng sa go simolola lekwalo la ntlha.
A re fa ngwana a tsena sekole sa bananyana pele fa a simolola lekwalo la ntlha o itse sekole le tikologo ya sone a bo a itse le go dira tse dingwe di tshwana le go ya ntlwaneng ya boitiketso ka jalo seo e seke e nne kgwetlho mo barutabaneng fa a simolola lekwalo la ntlha.
A re bana ba rutiwa tse di farologaneng di tshwana le go kwala maina a bone, go dumedisa le gone go kgona go itse ba ba tsenang le bone mo sekoleng ka jalo barutabana ba seke ba nne le kgwetlho ya go simolola ba ba ruta mme ba tswelele le dithuto tsa lekwalo la ntlha.
Mme Modikwa o ne a lebogela barutabana ba sekole sa bananyana mo sekoleng sa gagwe a bolela fa ba dirile phetogo mo matshelong a bana bao.
Mookamedi wa dithuto tse di kwa tlase, Mme Margret Gabadise o ne a tlhalosa fa lenaneo la sekole sa bananyana le simologile kwa sekoleng sa bone mo ngwageng o o fetileng.
A re fa ba simolola lenaneo le, go ne go le lolea e bile ekare batsadi ba tlaa seke ba tsiboge mme e ne ya re moragonyana ba tsisa bana ka bontsi.
A re ntswa ba ne ba simolola ngwaga o o fetileng ga ba na didirisiwa tse di lekaneng di tshwana le dibuka, ditilo le ditafole tsa bana ba ba kwa tlase ka dingwaga ba kopa banaleseabe go ba tswa thuso.
O tlhalositse fa bana bao ba fiwa thuto e e maleba ka ba rutiwa ke barutabana ba ba tswang dithutong tse di itebagantseng le thuto ya dikole tsa bananyana.
A re mo sekoleng sa gagwe go na le barutabana ba dithuto tseo ba le bane.
O ne a leboga batsadi ba bana bao a bolela fa ba tsentse letsogo thata mo go rotloetseng sekole sa bone go simolodisa lenaneo la sekole sa bananyana.
Ka jalo o ne a rotloetsa batsadi go tswelela ba kwadisa bana ba bone a bolela fa go sa duelwe sepe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Seleka
Event : Moletlo
Date : 29 Nov 2016






