Ba lephata la tepo loapi ba aba ditilo
29 Nov 2016
E rile bosheng ba lephata la tepo loapi kwa Mahalapye ba abela sekole se sebotlana sa Sefhare ditilo di le masome a matlhano tse di tlaa dirisiwang ke bananyana ba ba baakanyetswang go simolola lekwalo la ntlha (reception classes).
Fa a abela sekole seo ditilo, mogolwane mo lephateng la tepo loapi Mme Prudence Maruatona o ne a re ba bone go le botlhokwa gore ba nne le seabe mo thutong. O ne a supa fa barutabana ba ka seke ba kgona fa ba le nosi go fa bana lesedi go nna se ba se batlang mo botshelong.
O ne a tlhalosa fa botshelo bo simolola ka thuto, mme go le botlhokwa go fa bana thuto gore ba kgone go itshetsa ka yone mo isagong.
O ne a tlhalosa fa mpho e ba e abang e tsile ka mowa wa lerato le le buiwang mo Baebeleng mo bukeng ya Bakorinta wa ntlha. A re bone e le ba lephata la loapi ba ne ba dira madi ka go ntsha mo dipateng tsa bone.
O tsweletse a ipelafatsa ka fa lephata la gagwe le dirang ka teng a bolela fa e se lantlha ba aba dimpho. A re ba tlaa tswelela ba tsenya letsogo mo go thuseng sekole seo ka tse di tlhokegang.
A re se e tlaa nna segakolodi mo go bone le bana mme bana ba tlaa rotlotsega go dira ka natla mo thutong ya bone ka ba bone didirisiwa tse di maleba go di dirisa.
Kgosi Mpeo Mpeo wa motse wa Sefhare, o ne a leboga Modimo gore o bo o ba romeletse mpho e e tshwanang le e.
O tsweletse a tlhalosa fa sekole se sebotlana sa Sefhare se simolotse e le kokelwana ya motse wa Sefhare mme dikago tsa teng di se mo seemong se se itumedisang mme di tlhokana le go tlhabololwa.
Morutabana wa bana ba ba ipaakanyetsang go simolola lekwalo la ntlha, Mme Catherine Sefhemo o ne a re ba simolotse dithuto tsa bananyana mo sekoleng sa bone fa ngwaga ono o simolola.
A re ba na le bana ba le masome a marataro le botlhano ba ba dirang ditlhopha tse pedi mme ba dira thuto ka motshameko.
O ne a tlhalosa fa ba tsweletse le dithuto tsa bana bao mme ba na le letlhoko la didirisiwa di tshwana le dibuka le didirisiwa tsa go tsweledisa dithuto tsa metshameko ya kwa ntle ya go itshidila mmele.
O ne a lebogela ditilo tseo a bolela fa di tsile go kgontsha bana go nna sentle mo setilong go na le tse ba ntseng ba di dirisa ka di le ditona mo go bone.
Mme Sefhemo o ne a galaletsa lephata la tepo loapi go sa ipone tsapa go tshwaraganela thuto le barutabana a re mo go tlaa tsisa maduo a mantle mo sekolong sa gagwe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Bapaki
Location : Sefhare
Event : Kabo dimpho
Date : 29 Nov 2016






