Bomme ba supile mowa wa Lorato
29 Nov 2016
Borre ba kopilwe go itekodiosa ba botsogo le bakapelo ba bone, ba tlogele go nna ba itlhatlhoba ka maduo a bakapelo ba bone.
Mafoko a, a boletswe ke kgosi ya motse wa Takatokwane kwa letsatsing la botsogo le le neng le tshwaretswe kwa motseng wa gagwe ka Labotlhano.
Kgosi Tsiane o kopile morafe wa gagwe go leba kwa Modimong, ka jaana boitseanape bo le bontsi mme malwetse one a tsweletse ka go ntsifala e bile e le a a sa alafesegeng.
Erile fa a lekodisa ka maikaelelo a letsatsi, mogokgo wa Takatokwane Brigade Rre Paul Mosimanegape, o ne a supa fa e le go batla ditsela tsotlhe tsa go tokafatsa botsogo, go rotloetsa batho botlhe gore ba itlhatlhobele malwetse, go isa dithuto tsa botsogo kwa bathong le gone go ruta ka malwetse a a farologaneng.
Rre Mosimanegape o tlhalositse fa ba kgobokantse badiri ba botsogo go tla go ruta ka malwetse a a farologaneng go balelwa le malwetse a legano.
O tlhalositse gape fa ba ruta setshaba go dirisa sekausu kana khondomo ka tsela e e siameng.
Sebui sa tlotla Dr Frank Mwamgemi o ne a supa fa go itshireletsa go le botoka go gaisa go alafa, a supa gape fa go tsaya kgato nako e sale teng go supa go tsisa maduo a a siameng.
Dr Mwamgemi o supile fa go na le malwetse a a sa tshelanweng a a tshwenyang thata jaaka sukiri le madi a matona.
O supile fa malwetse a, ga mmogo le dikotsi tsa tsela di tsweletse ka go gapa matshelo a Batswana.
Dr Mwamgemi o supile fa go tsaya kgato nako e sale teng go o fa motho sebaka sa go tsaya kalafi nako e sale teng, gape go mo fa sebaka sa go tsaya kalafi bolwetse bo ise bo jwelelele le mmele.
O supile fa kgaolo ya Kweneng Bophirima batho ba tsweletse go tsenwa ke mogare wa HIV/AIDS, a supa gore fa seemo sa mogare se dule kwa go 10.3 mo lekgolong ka ngwaga wa 2008, sa ya kwa go 11.8 mo lekgolong ka ngwaga wa 2013.
O supile fa palo e ntsi ya batho ba ise ba tsene mo lenaneong la go tsaya dipilisi tsa go ritibatsa mogare, a supa fa bomme ba amilwe ke mogare thata go na le borre.
Dr Mwamgemi o supile fa goromente a dirisa madimadi go lwantsha mogare le bolwetse jwa AIDS, mme go le botlhokwa gore batho ba netefatse gore ga ba tsenwe ke mogare o mosha.
O akgoletse ba botsogo tiro e ntle e ba e dirang, a supa fa mo kgaolong e go sena ngwana yo a tshotsweng a na le mogare, yo motsadi wa gagwe a leng mo lenaneong la thibelo ya mogare go tswa kwa go mmangwana go ya kwa leseeng, a bo a akgolela batho ba kgaolo e go bo ba belegela mo dikokelong.
O gakolotse banana gore ba seka ba okiwa ke borre ba batona ka dilo tse di tshesane go tsena mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang.
Ngaka o supile fa bolwetse jwa kgotlholo e tona bo bolaya mme gape bo alafesega gape bo ka kgona go thibelwa.
O supile gape fa go na le balwetse ba bantsi ba ba lwalang malwetse a a sa tshelanweng, mme a ka kgona go thibelwa. O kopile bomme go nna ba tlhola mabele a bone ka dinako tsotlhe gore a ga a na kgwethe mo teng, mme fa ba itemogela phetogo ba tabogele kwa go ba botsogo, a bo a ba kopa
gape go itlhatlhobela kankere ya molomo wa popelo.
O kopile Batswana go fokotsa go ja mahura le letswai le lentsi, a supa fa di oketsa kgonagalo ya go tsenwa ke bolwetse jwa madi a matona BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TAKATOKWANE
Event : letsatsi la botsogo
Date : 29 Nov 2016






