Ba lela ka letlhoko la metsi
29 Nov 2016
Banni ba Khwee mo kgaolong ya Boteti ba lela ka seemo sa metsi a a nosang leruo la bone.
Ba ntshitse selelo se sa bone ko phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mookamela setlhopha sa lekoko le le rumilweng ke Tautona go tsamaya ba lekola mananeo a puso, ebong tona wa pele wa botsogo Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri ko motseng oo bosheng.
Ba re ba koporase ya metsi ga ba tsibogele go baakanya didiba tsa bone tse di nosang leruo fa di senyegile,ba tlhalosa gore seemo se se baka gore leruo la bone le bolawe ke lenyora kana le timele.
Gape ba re leuba le bolwetse jwa mabele ga di ba jese diwelang ka gore ga ba kgone go rekisa leruo la bone ka ntlha ya malwetse a.
Bangwe ba ne ba ngongorega gore ba sale ba isitswe dithutong tsa nyeletso lehuma nako kgolo ke eno ga ba ise ba neelwe didirisiwa.
Le fa go ntse jalo mananeo a a na le dikgwetlho e bile a mangwe a phutlhame fa go na le mangwe a a dirang sentle e bile maduo a one a bonala jaaka a setlhopha sa banana ba bararo sa Khwee Textiles. Mongwe wa banana ba, Mme Onkagetse Wadie o tlhalositse gore ba thusitswe ka lenaneo la RADP ka madi a a kana ka P60 000 ka ngwaga wa 2013.
Mme Wadie a re kgwebo ya bone e tsweletse sentle ba rokela sekole se sebotlana sa Khwee paka, a re ba kgonne go ithekela mochine o mongwe.
A re ba ikamogedisa makgolo a matlhano ka kgwedi le dipula di le masome a mararo selwana sengwe le sengwe se motho a se rokileng.
O tsweletse a re kgwetlho ya bone e tona ke gore ga ba itse go sega ba itse go roka fela ka jalo ba hira motho yo o segang.
A re lenaneo le le dirile pharologanyo mo matshelong ka ba tlhokomela bana e bile ba ikagetse matlwana a boitiketso gape ba mo thulaganyong ya go aga matlo.
Mme Tumelo Kemoitsi wa setlhopha sa banana ba bane ba Khwee Bakery le ene o supile fa kgwebo e dira sentle thata a re ke bone ba fiwang thendara ya borotho ya sekole sese botlana sa Khwee gammogo le hosetele ya RADS ya motse oo.
Mme Kemoitsi a re ba setse ba kgonne go kgobokanya madi mme raboipelego wa bone a ba rotloetsa go teratela metse ya bone gammogo le go aga matlo.
A re ene o kopile lenaneo la SHHA,mme ba mo thulaganyong ya go agelela metse ya bone le go agela ba bangwe ba bararo matlo a kamore e le nngwe ka madi a kgwebo, a tlatsa ka gore ene o tlaa bo a reka dihutshane.
Mme Kemoitsi a re maikaelelo a bone ke go godisa kgwebo ya bone ba dira tuckshop ka gore mmaraka wa bone ke sekole le hosetele ya bana ba metse e e kgakala le ditlamelo fela ka jalo fa dikole di tswetswe kgwebo e a ema.
Rre Goitsimodimo Meleko ene a re o filwe dithuso ke ba lenaneo la banana go reka dipodi dile masome a mane ,mme gompieno di masome a marataro le bongwe (61) e bile o feditse go duela madi a kadimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : LETLHAKANE
Event : PHUTHEGO YA KGOTLA
Date : 29 Nov 2016






