Breaking News

Begang melato nako e le teng

28 Nov 2016

E re le ntswa tiriso botlhaswa ya bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobongwe mo go tsa tlhakanelo dikobo e le molato mo lefatsheng leno, go lebega batsadi bangwe ba le maoto a tshupa go begela dikgosi le mapodisi ka borre ba ba dirisang bana botlhaswa.
Mo potsolotsong le mothusa-kgosikgolo ya Batawana kwa Maun bosheng, Kgosi Bringle Dithapo o supile gore e le dikgosi ba tshwentswe thata ke batsadi ba bana mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba ba begang melato ya bana ba ba dirisitsweng botlhaswa mo go tsa tlhakanelo dikobo morago ga lebaka le le leele.
A re borre ba, ba okisa bana le botsadi jwa bone fa ba sa ntse ba le ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabongwe, fa ba setse ba le dingwaga tse di lesome le boferabongwe kana go feta foo, ba tsena ka lenga la seloko mme e nne gone botsadi bo ikgogelang fa lekgotleng la Setswana go bega molato.  Kgosi o supile fa bana, bogolo jang ba basetsanyana, ba kgona go felelela ba imisitswe ke borre ba bagolwane mo go bone, ba tswe mo dikoleng, mme botsadi bo lobe dikgang tseo e nne phitlhela kgomo ya serotswana.
O kaile fa dinako tse dingwe bana le bone ba tla go ikuela nako e setse e tsamaile. A re borre ba, ba loleme lo borethe ka ba solofetsa bana manyalo le tse dingwe tse di molemo.
“Go nna thata gore re atlhole borre ba, ka gore kgang e a bo e latlhegetswe ke boleng fa ngwana a setse a le mogolwane,” ga bua Kgosi Dithapo.
Kgosi Dithapo o tsweletse a supa fa seemo se se bakwa ke gore batsadi ba amogela dijo le madi go tswa mo go borre ba ba dirisang bana ba bone.
 A re gantsi ba a bo ba dira jalo e le pipa molomo go itsa go sekisiwa ka ba itse gore ba ka felela ba leletswe ke ditshipi mme ba dise poo lebaka la dingwaga tse di lesome le borataro.
“Go le gantsi ditiragalo tsa mohuta o, di ama malwapa a itsholelo ya one e leng ko tlase.” ga bua Kgosi Dithapo.
Mothusa kgosi a re fa gongwe seemo se, se bakwa ke gore borre ba ba solofetsa bana manyalo le tse dingwe tse di molemo mme kwa phelelong ba seke ba diragatse ditsholofetso tseo, e bo e le gone bana ba tlang go ikuela gore ba senyeditswe sekole e bile ga ba sa tlhole ba ba thokomela le masea a bone.
O supile fa se sengwe gape e le gore batsadi ba a bo ba leka go sireletsa seriti sa malwapa a bone, ba akanya gore fa kgang e ka begelwa ba sepodisi kana dikgosi, e tlaa itsiwe ke batho bangwe mme ba ba je setshego.
“Fa batsadi ba tsere tshwetso ya gore kgang e seka ya begiwa, go nna thata gore ngwana a nne kgatlhanong le bone mme e re a setse a na le boikarabelo kgotsa a tlhaloganya dilo a bo e nna gone a ikuelang, bana ba, ya bo e le ba dikole tse dipotlana ba le ko tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabongwe,” ga bua Kgosi Dithapo.
A re batsadi bangwe ba tlogela bana ba le nosi kwa malwapeng ba ya masimong le merakeng, seo se fe borre ba, sebaka sa go ka dirisa bana ka fa gongwe ba a bo ba tlogetswe fela go sena dijo mme e nne yone nako e dilalome tse, di ikatumetsang kwa go bone.
O supile fa dingwao tsa merafe mengwe di rotloetsa go nyalwa ga bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabongwe, mme seo se nna thata ka ba ka seke ba kganele ditsamaiso tseo.
Kgosi Dithapo a re o ngomolwa pelo ke gore kgang e, e baya matshelo a bana mo diphatseng gape e senyetsa bana bokamoso.
 A re seemo se, se tsenya malwapa a a amegang mo lehumeng la nta ya tlhogo mme seo se ame itsholelo ya lefatshe.
Go sa begeng melato e nako e le teng, go dira gore borre ba tswelele ba dirisa bana ba bannye botlhaswa ba itse fa ba na le maano a go falola kgolegelo.
O kgothaditse batsadi gore ba seka ba baya dikeletso tsa bone kwa pele, ba itse fa bokamoso le matshelo a bana ba bone a tla pele ga sengwe le sengwe gape ba nne le boikarabelo mo go sepe fela se se diragalelang bana ba bone.
“ A Batsadi ba seka ba gweba ka bana, ke bone babusi ba kamoso,”ga bua Kgosi Dithapo.
A re bana ba basetsana ba seka ba tsiediwa ke borre ba ba leleme le borethe ba, ba itse fa thuto e le yone fela e e ka ba tlodisang melatswana e tletse mme ba kgone go fitlhelela ditoro tsa bone.
O ne a tswelelela a re fa bana ba tshaba gore batsadi ba tlaa ba galefelela go bega dikgang tse, ba kope thuso mo barutabaneng ba bone, mapodisi kana mo go bo mmaboipelego ba ba gaufi.
Ka kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa, mothusa-Kgosi o weditse a re, go leka go hema seemo se, o rotloetsa morafe ka kakaretso go loma mapodisi le dikgosi tsebe ka dikgang tsa mofuta o,fa ba belaela gore botsadi jwa ngwana ga bo tsee kgato. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Matshelo Billy

Location : MAUN

Event : interview

Date : 28 Nov 2016