Mananeo a go nyeletsa lehuma a mosola
27 Nov 2016
Mananeo a a dirilweng ke goromente a tsweletse ka go tshetsa Batswana ntle le tlhaolele. Mongwe wa Batswana ba ba akolang maungo a mananeo a ke Mme Rose Manaka yo e leng monana wa monalebogole mo Selebi Phikwe.
Mme Manaka o leka matshelo ka kgwebo ya go adimisa tante morago ga go thusiwa ke goromente ka lenaneo le ba Gender Affairs ba mo abetseng tante,ditilo tse di masome a matlhano, dintshwana, diforoko le digalase ka Phukwi ngwaga wa 2014. Mme Manaka o adimisa tante ya gagwe mo manyalong, mo dintshong le mo medirong e mengwe.
Fa a bua mo potsolosong, Mme Manaka a re o nnile le monyetla wa go isiwa dithutong tsa go bapatsa kgwebo, go e tsamaisa le go tshwara madi a kgwebo ka tsela e e ka godisang kgwebo.
Le fa go ntse jalo, a re go na le dikgwetlho tse a lebaganeng le tsone mo kgwebong ya gagwe tse di bakwang ke bonalebogole jwa gagwe ka a sa tsamae, a supa fa se se baka, gore a ise ditlamelo tsa gagwe ke gore a hire kgotsa a kope thuso mo go ba bangwe jaaka go tlhoma tante le didirisiwa tsa yone le go e tlhatswa, selo se a reng se oketsa ditshenyegelo tsa kgwebo ya gagwe.
A re o na le keletso ya go atolosa kgwebo ya gagwe mme mathata a gagwe ke mabeelo a didirisiwa. A re o bona dipoelo thata ka malatsi a boitapoloso mo medirong e e mo Selebi Phikwe le metsana e e mabapi.
Fa a sekaseka, Mme Manaka a re o itemogetse gore bontsi jwa banalebogole ba na le boitlhobogo le go akanya gore ka gore ba tlhokile lesego mo botshelong ga gona sepe se ba ka se dirang go fetola le go tlhabolola matshelo a bone, selo se a se kgalang a sa kgwe mathe.
A re fa motho a tsaya nako a ikotlhaela diemo tsa gagwe tsa botshelo ke go dia nako ya go tswelela pele. Mme a bo a gakolola bangwe ka ene go itebelela ka leitlho la phenyo gore lefatshe le ba bone e le bafenyi.
“Katlego mo botshelong ga e tlisiwe ke lesego fela, ke maduo a bonatla jwa motho le go iteka ka dinako tsotlhe go fenya dikgwetlho tsa botshelo,” a gakolola.
Mme Mme Manaka o nnile le bogole jwa go tlhoka go tsamaya jo ka puo ya seeng bo bidiwang ‘Diplegia’ a le ngwaga le dikgwedi tse thataro morago ga go kentelwa bolwetsi jwa go wa (Epilepsy).
Mme Manaka a re go dirisa ditalente le gone go ka tshetsa banana fela thata a supa fa a tseneletse mokgatlho wa banalebogole mo Selebi Phikwe o o bidiwang Phikwe Theatre go leka go tswakanya metswedi ya gagwe ya itshetso.
A re album ya ntlha ya Gospel e e bidiwang Eseleo e gatisitse le setlhopha se se bidiwang Lentswe la Morena’ Mo go yone Mme Manaka a re go na le pina e e bidiwang Esele e a solofetseng fa e tla a gapa dipelo tsa bareetsi ba mmino wa sedumedi ka a re e na le molaetsa o o kwenneng wa sedumedi.
E nngwe kgatiso ya Disco a re ke yone Kgotso e a e gatisitseng le setlhopha se se bidiwang Smoke Town, e le yone a reng e na le moribo le molodi o o jesang tsebe monate.
Mogolwane wa Phikwe Theatre, Rre Kamela Kamela a re ba itumedisitswe ke bothakga ja ga Rose yo o nang le bokgoni le bopelotelele le boitshoko ja go wetsa tiro ee kana ka e a e dirileng ntle le go ipona tsapa.
Dikgatiso tsotlhe di gatisitswe ke ba Nurse Audio Studio gape di tsile go supiwa e le lantlha ko Phikwe Square mo bogautshwaneng ko go solofetsweng badiragatsi ba bangwe ba banalebogole jaaka Kabo
Leburu le Anafiki ba ba solofetsweng go tla go fa mafoko a kgothatso mo bananeng le banalebogole ba bangwe.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moses Willie
Location : Selebi Phikwe
Event : Potsolotso
Date : 27 Nov 2016






