Banni ba kopiwa go tlotla bogosi
27 Nov 2016
Banni ba Borotsi kwa kgaolong ya Tswapong ba kopilwe go tlhompha dikgosi tsa bone le kgotla.
Mothusa Kgosi wa motse oo, Kgosi Thabakanaka Israel o ntshitse kopo e mo potsolosong.
Kgosi Israel a re go swabisa nko go feta molomo go bona ka fa seriti sa bogosi le kgotla se tsweletseng ka go wela tlase ka teng.
O ne a fa sekai ka gore batho bangwe fa ba le mo kgotleng ba kgona go bua mafoko mangwe le mangwe fela ka fa ba batlang ntle le go tlotla lefelo leo. A re dingwe dikgang tse di tshwenyang gape ke tsa batho ba e reng fa kgosi a ba bitsa kwa kgotleng ba bo ba gana.
Kgosi Israel o tsweletse ka go supa gape fa a tshwenngwa ke go tlhoka go tlotla dinako tsa pereko ya dikgosi mo banni ba go dirang.
A re bangwe ba kgona go tla go kopa thusa nako ya bone ya go ya dijong tsa motshegare e setse e fitlhile mme e re fa ba lebisa motho yo o kopang thuso lebaka le, motho yoo a bo a tsaya gore kgosi ga a dire tiro ya gagwe ka fa tshwanelong.
Kgosi o ne a itsise morafe wa gagwe gore fela jaaka babereki ba bangwe ba puso, Kgosi o tsena mo ofising phakela ka nako ya metsotso e le masome a mararo morago ga nako ya bosupa mme e re metsotso e le masome a mane le botlhano go yeng kwa nakong ya bongwe Kgosi a nne le sebaka sa go ya kwa dijong tsa motshegare.
A re mme morago ga oura a boele mo ofising go tla go tsweledisa tiro ya gagwe ya letsatsi go fitlha ka nako ya metsotso e le masome a mararo morago ga nako ya bone a bo a wetsa tiro ya gagwe ya letsatsi.
Kgosi o ne a kopa morafe go tlhaloganya dinako tse thata a re gantsi di tsosa kgaruru mo kgotleng batho ba bolela fa dikgosi di sa bereke. Kgosi Israel o ne a tswelela ka gore selo se sengwe se se mo tshwenyang ke go tlhoka go fa dikgosi morero.
A re mo motseng go kgona go nna le ditiro tsa morafe mme e le dikgosi ba sa reriswe sepe.
A tlhalosa fa go tlhoka go fa kgosi morero o o mo amang e se tsamaiso ya Setswana.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Violet Keipeile
Location : Borotsi
Event : Potsolotso
Date : 27 Nov 2016






