Breaking News

Bojanala jwa tamo ya Thune bo tla a koba tlala

24 Nov 2016

Ba lephata la bojanala le makgabisa naga,ba re letamo la Thune le ka tswela Batswana mosola,fa go ka dirwa gore le nne lefelo la bojanala.

E rile mo bekeng eno ba tlhalosetsa makhanselara a kgaolo ya Bobonong gore mo ditshekatshekong tsa lephata la bojanala,go tlaa thapiwa batho ba le makgolo a mabedi le masome a marataro le boferabongwe.

E ne ya re a tlhalosa, mogolwane wa lephata la bojana, Rre Kootshephile Mphusu  o tlhalositse fa ba bone go le maleba go isa morero kwa setshabeng, gore ba tswe ka megopolo,tebang le letamo la Thune.

A re maikaelelo magolo ke go tsisa bojanala mo kgaolong ya Mathathane,Mothababeng ,Molalatau le metse e e dikologileng Bobonong.

A re  letamo la Thune le kabo le simolotswe go agelelwa ka ngwaga wa 2015, mme kgang kgolo e bakilwe ke go isa morero kwa setshabeng.

O boletse fa matamo ka boraro e leng Thune,Letsibogo le Dikgatlhong a farologane ka bojanala,ditlamorago ke go kopa koketso ya letamo la Thune,a tlatsa ka gore go na le batho bangwe ba ba filweng phimolo dikeledi,mme nakokgolo ke eno ga ba a fuduga.

O ne a supa fa ba ba setseng ba na le ditsha tsa boroko ba ka aga otele le marekisetso a lookwane le mabenkele a matona e le tsela ya go oka bajanala ba mafatshe a sele.

Rre Mphusu o boletse fa ba ba nang le ditsatlholego ba di dirile mo metseng ya bone, bogolo jang ditlatlana,maselo le tse dingwe gape mme ba tlhokana le thuto e e tseneletseng gore e nne tsa maemo a a kwa godimo bogolo jang kwa Motlhabaneng,Mathathane,mme e sa ntse e le ditshekatsheko.

E ne ya re ba akgela, makhanselara ba ne ba amogela mogopolo gore o tsile ka nako e e siameng ka moepo wa BCL o sa ntse o sa diri go tswela dikgaolo tsa bone mosola.

Ba tlhalositse fa Batswana ba sa tshwanela go nna babogedi mo lefatsheng la bone.

Modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Bobonong o ne a supa fa mo katolosong ya letamo  ba tlaa isa morero kwa setshabeng,ka go na le didiba gaufi le letamo,fa wa Mmadinare ene a tlhalosetsa ba bojanala gore ba dire morero le  ba lephata la metsi go itsa madiadia.BOPA

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : Bobonong

Event : Bokopano

Date : 24 Nov 2016