Kgosi o tshwenngwa ke marato a banana
24 Nov 2016
Kgosi Bringle Dithapo o supile fa a tshwentswe ke dikgang tsa marato a banana ba ba tshelang mmogo lebaka le le leele mme morago ba kgaogane, selo se a kaileng se baka dikgogakgogano mabapi le dithoto le madi a ba a dirileng mmogo.
Kgosi Dithapo, yo e leng mothusa motshwarelela bogosi jwa Batawana, o boleletse BOPA gore bontsi jwa dikgang tse di gorogang ko go bone ke tse baratani ba nnang lebaka la dingwaga tse thataro le go feta, e bile a tlhalosa fa bontsi jwa bone ba lwela dithoto tse di tshwanang ditsha, dilwana, leruo le madi, a supa fa bontsi jwa dikgang tse di golela kwa pele mo kgaolong ya bone.
Kgosi o ne a tshwelela ka go supa fa banana ba rata go tshela mmogo, ba aga le go kopanela dithoto ba sa nyalana ebile go sena mokwalo oo supang fa ba reka dilo mmogo, selo se a supileng se ba paledisa go rarabolola dikgang tsa mofutla oo.
“Bana ba malatsi ano ba a inyadisa le go nyalwa ka molomo, ba dira dilo tse di itsiweng ke bone ba le babedi ba sa rerise batsadi mme morago fa jaanong ba sa utlwane mo loratong lwa bone ba ise kgang kwa batsading, mme ka jalo go nne thata mo batsading go rarabolola dikgang tseo,” ga bua kgosi.
A re banana ka bontsi ba tshola bana mo go one marato a bone mme morago e re lorato lo fedile ba phuaganye le bone bana tota, mme ba sale e le morwalo wa batsadi le goromente, selo se a supileng se sa age bokamoso jwa lefatshe la bone.
Kgosi o ne gape a supa fa bontsi jwa dikgang tse di tlang kwa go bone di ama banana ba ba dingwaga tse di lesome le borataro go ya kwa go tse di masome a mabedi le botlhano ba bontsi jwa bone ba sa berekeng e bile ba sa fetse dithuto tsa bone sentle.
“Bangwe ba basetsana ba ntshiwa mo sekoleng ka go imisiwa ke banna ba batona mo go bone ka lebaka la gore ba rekelwa dilo tse ba di batlang le go fiwa madi,” kgosi a tlhalosa.
A re go nnile le kgang nngwe e mo go yone mosetsana wa dingwaga tse di lesome le borataro a ileng a imisiwa ke monna yo motona mo go ene, a nna le ene dingwaga tse di masome a mabedi mme batsadi ba gagwe ba itse.
Monna yoo o feleletse a phuagantse mosetsana ka bana ba le bane a ya go nyala mosadi yo mongwe kwa lefatsheng la Zimbabwe, morago ga moo batsadi ba batla gore mosetsana a ikuele ko molaong gore o dietswe nako, selo se se sa siamang fela thata.
A re batsadi le bone ba na le seabe mo dikgannyeng tsa marato a bana ba bone, a tlhalosa fa ba letlelelwa go tla le banna mo malwapeng e bile ba kgona go tswa mo malwapeng ago ya go aga le baratiwa ba bone go sena kgalemo epe. BOPA
Source : BOPA
Author : Keswetseng Samokunda
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 24 Nov 2016






