Breaking News

Kgosi o rotloetsa badirela puso go berekela kwa Werda

23 Nov 2016

Kgosi Keleofile Phihadu wa Werda mo kgaolong ya Kgalagadi o kopile badirela puso gore ba seka ba tshaba go ya go berekela kwa motseng wa gagwe.

O buile seo mo potsolotsong bosheng. O ne a tlhalosa gore motse wa gagwe o tsweletse ka go gola ka jalo go a tshwenya go utlwa gotwe bodiredi bo gana go ya go berekela kwa Werda.

Kgosi Phihadu a re Werda o na le ditlhabololo di akaretsa dikole tse dipotlana le se segolwane, dikokelwana, ditirelo tsa khansele, tsa metsi ga mmogo le tsotlhe tse di amanang le tsamaiso ya matshelo a selegae.

A re ka jalo, badirelapuso ga ba a tshwanela go boifa go ya kwa Werda ka jaana ditirelo tsotlhe tse ba di tlhokang di le teng.

O ne a tlhalosa gape gore motse oo o tlhokana le go godisiwa ke bodiredi jo bo isang ditlamelo segolo jang le ko metsaneng e e gaufi.

Kgosi Phihadu o ne a tlhalosa gore ba sa ntse ba bona tlhaelo ya boroko mme dikago tsa maroko di tsweletse di a agiwa gore bodiredi bo kgone go nna sentle.

Kgosi a re badiri ba ba setseng ba na le bone, ga ba supe matshwenyego ka gore Werda  ga a  kwa morago thata mo ditlhabololong jaaka bangwe ba akanya.

Kgosi Phihadu a re ba tiisiwa moko ke go bona bodiredi jwa tlhwatlhwa bo thusa morafe wa gagwe gore ba seka ba ya go kopa ditirelo ko motseng wa Tsabong.

O ne gape a gatelela gore, go botlhokwa gore morafe le one o dirisanye sentle le bodiredi gore le bone ba gololesege go nna lebaka mo kgaolong ya bone.

Werda ke nngwe ya metse e e welang ka fa tlase ga lenaneo la puso la metse e e kgakala le ditlamelo la Remote Area Development Programme(RADP).

Motse oo o fa gare ga metse ya  Makopong le Khakhea  mo tseleng e e yang Tsabong.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Phihadu a re fela jaaka metse e mengwe ba sa ntse ba itemogela borukutlhi jo bo fa gare.

A re ba setse ba na le dikgang tsa go thubiwa ga mabentlele le go iphitisa dino mo go feteletseng. BOPA

Source : BOPA

Author : Lebogang Baingapi

Location : Werda

Event : Potsolotso

Date : 23 Nov 2016