Go etsa ba bangwe ga go ntshe maduo
23 Nov 2016
Mogolwane wa ofisi ya banana kwa Sebina, Mme Malebogo Tlale, a re banana kwa motseng oo, ba itsapa go akanya segolo jang fa go tla mo go reng ba batla go dira dikgwebo tsa mofuta ofe.
A re bontsi bo dira ka gore semangmang le ene o dira se. Mo potsolotsong bosheng, Mme Tlale o supile fa dikgwebo tsa banana ka bontsi e le selo sele sengwe.
A re banana ba tshaba go dira dikgwebo tse di pharologanyo ka jalo ba felela ba lela ba re ga go na mmaraka, tse dingwe di felele di phutlhama ba palelwa ke go di tsamaisa ka di a bo di tletsetletse.
O tlhalositse fa lephata la Go fa Banana Dithata, Metshameko le Tlhabolo ya Ngwao le eme nokeng dikgwebo tse dintsi tse e leng gore banana ba ka di dira e seng dipodi le merogo fela.
O ne a rotloetsa banana go akanya mo go tseneletseng, segolo jang dikgwebo tse di ka ithekisang e bile di tlhokega thata mo mmarakeng.
Mongwe wa banana go tswa kwa motseng wa Nshakashogwe, Rre Tabona Jopi yo o dingwaga tse di masome a mararo le bobedi a re o lemogile fa banana ba itlhaganelela go kopa dithuso tsa madi ba sa ikakanya mo go tseneletseng gore ba batla go tsena mo dikgwebong dife, a supa fa bangwe ba dira dikgwebo ka gore ditsala le masika ba a di dira, ba sa lebelele gore bokgoni jwa bone bo fa kae.
O tsweletse ka gore banana ba tshwanetse go dira dipatlisiso tse di maleba, ba lebile gore ba rata eng e bile ba kgona go dira eng, ba sa lebale le lone letlhoko mo kgaolong ya bone.
Rre Jopi o tsweletse ka gore ene o na le dingwaga tse pedi a ikakanya ka kgwebo ya gagwe ya tsa maranyane le gone gore e ka sologela banni ba motse wa gagwe le e e mabapi molemo jang a sa lebale le tsone dipoelo.
O tlhalositse fa a lemogile gape fa banana ba tshaba dikgwebo tse o akareng di tlhoka gore motho a akanye thata, e bile di gwetlha, mme ba rata tse di motlhofo tse di ratwang ke mongwe le mongwe. O tlhalositse fa go ka bo go ne go le botoka fa e ne e ka re fa yo mongwe a tsere lenaneo la dipodi, tsala yone e bo e dira marekisetso a nama gore ba kgone go thusana ka tsa mmaraka.
A re o solofela fa kgwebo ya gagwe e tlaa kgatlha ba le bantsi, mme ba fetole megopolo le dikakanyo tsa bone, bangwe ba tlaa felela ba ntsha le ga tshwene mo ba ntseng ba go fitlhile.
E rile a tswa la gagwe, Rre Keobokile Bakani yo o dingwaga tse di lesome le boferabongwe, a tlhalosa fa ba le boitseme thata segolo jang fa go tla mo go tsa ipapatso le dipatlisiso tsa go bona gore ke efe kgwebo e e ka dirang bontle mo kgaolong ya bone.
A re bontsi jwa banana ba rata go rerisana pele gore a reyeng go dira kgwebo e, go se ope yo o ikakanyetsang, mme motse o felele o tletse ka kgwebo ya mofuta o le mongwe le ntswa go na le letlhoko le lengwe.
Mo go tse dingwe, mogakolodi wa tsa kgwebo go tswa kwa lekalaneng la Local Enterprise Authority (LEA), Rre Joseph Mojewa o supile fa maikaelelo magolo a bone e le go thusa bagwebi ka tsa bogakolodi le dithutuntso ka ditsamaiso tsa dikgwebo.
E rile a bua kwa bokopanong le bagwebi ba motse wa Sebina, Rre Mojewa a re ba ikaeletse go tsamaya le kgaolo ya bone go rotloetsa banana gore ba dire dikgwebo ba seka ba re ba emetse go thapiwa ke puso ka ditiro di le thata go bonwa.
O ne a supa fa seemo se se ngomola pelo segolo jang morago ga go tswalwa ga moepo wa kopore wa toropo ya Selebi Phikwe, ka jalo a supa fa go itirela kgwebo e le yone fela tsela e e botoka go ithusa ga mmogo le gone go tsholetsa itsholelo ya lefatshe la Botswana. BOPA
Source : BOPA
Author : Gladys Olebeng
Location : Sebina
Event : Potsolotso
Date : 23 Nov 2016






