Breaking News

Ba rotloediwa go ntsha leruo mo motseng

23 Nov 2016

Banni ba kgotla ya Maradung kwa Thamaga ba boleletswe fa molao o mosha wa khansele wa gore leruo le tswe fa gare ga metse e le molao o o tlhwaafetseng e bile ba tshwanetse go o obamela.

E rile a buisa phuthego ya kgotla ka Labotlhano kwa kgotleng eo, mokhanselara wa kgaolo ya Thamaga Bokone, Rre Palelo Motaosane, a tlhalosa fa khansele ya Kweneng e ne ya tlhoma molawana oo morago ga gore banni ka bontsi ba lele ka leruo le le senyang jaaka go ja merogo mo ditshingwaneng.

O ne a tlhalosa fa seo se ne se tsisa kgotlhang magareng ga morafe mme a tswelela a tlhalosa fa ba ba sa diragatseng molawana o, ba tlaa atlholwa madi a a kanang ka P5 000 kgotsa kgolegelo ya dingwaga tse pedi. O ne a tlhalosa gape gore masaka a a agilweng mo motseng a ntshiwe ka a sa tlhole a tlhokega.

A re masaka a a tlaa salang mo gare ga metse ke a dikgotla fela mme e tlaa nna one a batho ba tlaa a dirisang fa ba nyadisa kgotsa ba na le mediro e mengwe.

E rile morafe o akgela wa supa fa o itumelela molawana o ka o tlaa fokotsa dikgotlhang tse di tsisiwang ke leruo le le gobeyang mo motseng.

Mongwe wa banni ba kgotla eo, Rre Moshe Motlhale o ne a supa fa go le molemo go gakolola ba ba sa iponatsang mo phuthegong go ba thusa gore ba seka ba welwa ke seru sa go atlholelwa go se ntshe leruo mo motseng.

Le fa go ntse jalo mongwe wa banni, Rre Poifo Letlhaku  o ne a supa fa a le sebete se molangwana ka molawana oo, a re go bo ba beile leruo la bone mo motseng ke go le tshabisa magodu kwa masimo le kwa morakeng. BOPA

Source : BOPA

Author : Gofaone Makhaya

Location : Thamaga

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Nov 2016