Kgokgontsho e ama botlhe
23 Nov 2016
Bomme ba sepodisi sa Botswana kwa Selebi Phikwe ba ne tshwere thuto-seka-dipuisano le ditlhogo tsa maphata mabapi le dikgang tsa kgokgontsho.
Moeteledipele wa sepodisi wa District N0. 10, Rre Takongwa Madzwiduma a re, thuto-seka-dipuisano eo e ne e tshwerwe ka nako e e maleba ka lefatshe la Botswana le ipaakanyetsa malatsi a le lesome le borataro a kemiso kgokgontsho ya bomme le bana.
O ne a supa gore kgokgontsho ga e ame bomme fela ka e ama borre mme borre gantsi ga ba bege dikgang tsa kgokgontsho ka ba tshaba go tshegwa mme seo se baye matshelo a bone mo kotsing ka kgokgontsho e kgona go baka leso.
O ne a tlhalosa gore ba molao ba tshwenngwa ke go tshololwa ga dikgang mme ba dira molao wa gore epe kgang ya matshosetsi a go bolaya kgotsa go gobatsa ga e na go tshololwa.
Rre Madzwiduma a re dikgang tsa kgokgontsho di a gola ka jaana ka ngwaga wa 2015 le 2016 ba gatisitse dikgang tsa polao di le lesome le bongwe fa tsa matshosetsi a go bolaya ka ngwaga wa 2015 ba nnile le tse di masome a mabedi le bobedi mme ka ngwaga wa 2016 di le lesome pele ga ngwaga o wela.
Mo melatong e mengwe, tiriso botlhaswa ya bana ba basetsana go begilwe dikgang di le 37 ka ngwaga wa 2015 mme ka ngwaga ono dikgang di nnile 28 mme dititeo mo basading ka ngwaga wa 2015 di nnile bosupa le tsa 2016 di bosupa, fa tiriso botlhaswa ya banalebogole jwa tlhaloganyo dikgang di nnile nne ka ngwaga wa 2015 fa 2016 le tsone di le nne.
Mo go tsa dititeo, bana ba basimane ba ba dingwaga tse di ka fa tlase ga lesome le bone ga go a gatisiwa kgang epe ka 2015 mme ngwaga ono e nnile nngwefela fa dititeo tse di tlwaelesegileng (common assault) go nnile le dikgang di le 513 ka ngwaga wa 2015 mme ka ngwaga wa 2016 di le 437.
Mo go tsa thubetso ka ngwaga wa 2015 ba gatisitse dikgang di le 131 fa ngwaga wa 2016 di le 60 mme seo se ba gwetlha go bereka le makalana a a ikemetseng ka nosi go ruta setshaba ka kgokgontsho le ditlamorago tsa yone.
Mothusa mookamela sepodisi sa Bokone Legare Rre Tamapo Nthoiwa a re puso e lemoga kgokgontsho kgatlhanong le bomme le bana ka seo se ba rontsha ditshwanelo tsa setho.
O ne a tlhalosa gore kgokgontsho ya bong ke masome a marataro le bosupa mo lekgolong mo lefatsheng la Botswana mme seo se a tshwenya. A re mme puso e ne ya itlama go tla ka melao go fokotsa seemo seo. BOPA
Source : BOPA
Author : Gaone Busang
Location : Selebi Phikwe
Event : Thuto puisano
Date : 23 Nov 2016






