Breaking News

Botsalano jwa batsadi le bana bo a aga

22 Nov 2016

Babereki ba lephata la dikago le matlo kwa Mahalapye ba gakolotswe go nna le botsalano le bana ba bone gore ba tle ba kgone go ba gakolola mo dikganyeng tse di amang matshelo le botsogo ja bone.

Mafoko a, a builwe ke mogokaganyi wa dikgang tsa HIV le AIDS wa kgaolo-potlana ya Mahalapye, Rre Batshani Oageng, mo thuto seka dipuisanong ya letsatsi le lengwe ya botsogo e rulagantswe ke lephata leo mo Mahalapye bosheng.

Rre Oageng a re fa batsadi ba ka nna le botsalano le bana ba bone go ka nna le diphetogo fela tse dintsi go lebilwe kanamo ya mogare wa HIV.

A re gape go ka thusa bana go tsaya ditshwetso tse di siameng ka matshelo a bone, go na le go reetsa ditsala tse gantsi di ba gogelang mo thaelong.

O tlhalositse fa dipalo di supa fa kgaolo ya Mahalapye e le ya boraro ka dipalo tse di kwa godimo mo lefatsheng leno ka mogare wa HIV ka jalo fa batsadi ba ka bua le bana ba bone dipalo tse gongwe di ka fokotsega.

Setlhogo sa dithuto puisano tse, se ne se itebagantse le go tswa ka maano kgotsa ditsela tsa go fokotsa kanamo ya mogare wa HIV mo setshabeng.

Rre Oageng a re botsalano jo ke nngwe ya ditsela tse dintsi tse go ka fokotswang kanamo ya mogare ka teng, a tlatsa ka gore batsadi ba na le kitso e ntsi ka botshelo gape ba tshedile ka jalo ba ka ruta bana mme mogare wa kokobela le go boloka matshelo.

Mo go tse dingwe, Rre Oageng o ne a tlhalosetsa babereki gore tiriso ya mafoko mangwe tebang le go bua ka bao baba amilweng ke bolwetsi jo e sa siama ka e le yone e tsalang go tlhoka go tsaya kalafi sentle.

A re setshaba se tshwanetse go itse gore mafoko mangwe a a kgopisa, e bile a tsala kgethololo ka jalo setshaba se emise go a dirisa.

Fa a bua ka tiriso ya diritibatsi, o ne a tlhalosa gore kalafi e, ke ya botshelo jotlhe mme bao ba ba di tsayang ba seka ba di tlogela ka gobo mogare wa HIV le one o botlhale fa motho a di tlogela a bo a di boela go baka gore jaanong di seka tsa bereka.

O ne a tlhalosa gore puso e dirisa madi a mantsi go reka diritibatsi tsa mogare wa HIV, ka jalo bao ba ba di tsayang ba tshwanetse go tlotla se, mme ba reetse ditaelo tsa ba bongaka.

O ne a gakolola gape gore bao ba ba sa ntseng ba sa itse seemo sa bone ba tseye kgato, ka jaana puso e simolodisitse lenaneo la gore fela fa o fitlhelwa o na le mogare o simolola go fiwa diritibatsi mogare o ise o tseye phekelo e sele ka gongwe wa koafala.

Fa a bua ka maikaelelo a letsatsi, mogokaganyi wa tsa boitekanelo mo lephateng la dikago le matlo, Rre Samuel Kedise o ne a tlhalosa fa lephata la bone le beile botsogo jwa babereki kwa pele.

Rre Kedise a re botsogo mo tirong bo botlhokwa fela thata, ka mmereki a ka se dire tiro ya gagwe sentle a sa itekanela.

O ne a tlhalosa gape gore lephata le bone go le mosola go tsisa thuto seka dipuisano e mo Mahalapye ba lebile dipalo tsa babereki ba lone, a tlatsa ka gore gape kgaolo ya Mahalapye e sephara.

O ne a tlhalosa gape gore ba bone go le mosola gape ba lebile gore Mahalapye o amilwe thata ke mogare wa HIV/AIDS.

Mo thuto puisanong eo, babereki ba ne ba rutintshiwa ka tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi, kgokgontsho ya bong, thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya ngwaneng, malwetsi a tlhakanelo dikobo le gore di amanang jang le kanamo ya mogare wa HIV/AIDS. BOPA

Source : BOPA

Author : Leungo Rakgathi

Location : Mahalapye

Event : Thuto puisano

Date : 22 Nov 2016