Breaking News

Matlalo a ka tshwakanya itsholelo

22 Nov 2016

Modulasetilo wa mokgatlho wa bagwebi ba matlalo kwa kgaolong ya Bokone, Rre Bakani Phillimon, a re kgwebo ya matlalo e ka thusa go tswakanya itsholelo.

Rre Phillimon, yo a saleng a tsena mo mererong ya tsa kgwebo ya matlalo ka ngwaga wa 2011, o boletse seo mo potsolotsong bosheng.

O tlhalositse fa nako e gorogile gore kgwebo ya matlalo e tsewe ka tlhwaafalo, segolo bogolo jang mo dinakong tse lefatshe le lebanweng ke dikgwetlho di le mmalwa tsa letlhoko la ditiro.

A re letlalo ke selo se se tlhokang tiro e ntsi, go simolola fela ka go le suga le go dira dithoto ka lone mme a tlatsa ka gore e na le bokgoni jwa go ka bula diphatlha tsa mebereko.

E rile a nankola matshwenyego a bagwebi ba matlalo, Rre Phillimon a tlhalosa fa go sa ntse go tlhokega gore go nne le sekole sa thuto ka tiriso ya matlalo e tseneletseng.

A re mo nakong eno ga go na sekole sepe se se itebagantseng le tshugo le tiriso ya matlalo ka jaana bontsi jwa matlalo a isiwa kwa mafatsheng a sele go ya go nna mo seemong se a ka dirisiwang.

“Mo lefatsheng la rona, go tlhabiwa dikgomo le dipodi nako le nako kwa matlhabelong ka go farologana, ga mmogo le mo meletlong mme sebe sa phiri ke gore matlalo a a isiwa kwa ntle fa a mangwe a latlhiwa,” a bua jalo.

O ne a tlatsa ka gore selo se se tshwanetse sa bewa leitlho ka se ka thusa go menagane go fetola matshelo a batho ba le bantsi.

Rre Phillimon o tlhalositse fa mo nakong eno, batho ba eletsang go tsena mo kgwebong e ba rutuntshiwa ke ba lephata la temo-thuo kwa sekolong sa Impala Rural Training Centre kwa toropong ya Francistown sebaka sa dikgwedi tse thataro.

O boletse fa ithutuntsho eo e sa lekana ka e bile a re ke ithutuntsho e e sa tseneleleng ka tsa matlalo.

Go sa le foo, modulasetilo o ne a bolela fa go tlhokega gape gore barui ba rutiwe ba bo ba lemotshwa botlhokwa jwa go somarela letlalo go simolola fela le sa ntse le le mo seruiweng.

A re go le gantsi ba na le go fitlhela matlalo a setse a dule mo sebopegong sa gore a ka nna le tiriso ka ntateng ya gore seruiwa sa letlalo leo se sale se tlhokile tlhokomelo e e rileng ka nako ya fa e tshela. BOPA

Source : BOPA

Author : Kebatsaletse Ongadile

Location : Francistown

Event : Potsolotso

Date : 22 Nov 2016