Kenyaditswe o tsweledisa botshelo morago ga kgolegelo
22 Nov 2016
Kgolegelo ga se phelelo ya botshelo, ka e kgona go aga le go ruta motho ka maele a botshelo.
Mafoko a, a builwe ke monana Rre Kenyaditswe Bofentse wa Mahalapye mo potsolosong le bosheng.
Rre Bofentse, yo o dingwaga di masome a mararo le bone, a re o ithutile go le gontsi fa a ne a le kwa kgolegelong mme e bile o tsweledisa botshelo sentle morago ga go nna teng dingwaga di le tlhano.
O tlhalositse fa a ithutile go roka diaparo,go betla, go roka didirisiwa tsa mo ntlong jaaka ditilo. O ne a isiwa sekoleng kwa Madirelo ke lephata la dikgolegelo.
A re e rile fa a tswa kgolegelong, a simolola go dirisa kitso ya gagwe ya go betla le go roka, a dirisa didirisiwa tse a neng a na le tsone le tse a neng a di adima mo bathong.
Rre Bofentse a re o ne a lemoga fa batho ba na le kgatlhego mo go tse a di dirileng ka ba ne ba tla kwa go ene ba batla gore a ba direle ditilo le ditafole.
A re o ne a dirisa madinyana a a neng a a bona fa a ntse a betla jalo go tlhama kompone e e bidiwang Boitemogelo Tailor Investment.
O tlhalositse fa e ne ya re ka ngwaga wa 2015 a kopa madi a banana mme a atlega,a bo a fiwa madi a a kana ka dikete tse di lekgolo tsa dipula.
A re o dirisitse madi a, go reka didirisiwa tse a neng a di tlhoka go dira kgwebo ya gagwe ya go betla le go roka.
A re mo nakong ya gompieno kompone ya gagwe e tsweletse sentle e bile o thapile banana ba le batlhano.
O tlhalositse gore e re ntswa kgwebo e tsweletse sentle, go na le dikgwetlho tse ba di itemogelang jaaka letlhoko la koloi go isa dithoto tse di dirilweng kwa bathong.
Rre Bofentse a re e re le ntswa a filwe madi a puso, madi a a sa lekana ka a felela fela mo go simolodiseng kgwebo mme go nne thata go e tsweledisa mo dikgweding tsa ntlha a sena go fela.
A re o lemogile fa se e le sone se digang dikgwebo tsa banana ka bontsi, mme a eletsa go rutintshiwa ka tsa go boloka madi a kgwebo.
O gakolotse banana ba ba tswang kwa kgolegelong gore ba seka ba ineela kana ba itlhoboga mo botshelong mme ba dirise dithuto tse ba di anywileng ko kgolegelong le mananeo a puso go tsweledisa matshelo a bone go itsa go boela mo ditirong tsa borukutlhi gape.
A re o itumelela ka fa puso e mo thusitseng go fetola botshelo jwa gagwe ka teng, a tlatsa ka gore botshelo jwa gagwe bo tokafetse fela thata, o kgona go ithekela dijo le diaparo.
O rotloeditse banana gore ba seka ba kgobiwa marapo ke dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo dikgwebong tsa bone mme ba kope thuso mo go ba ba tsweletseng sentle. BOPA
Source : BOPA
Author : Thato Makala
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 22 Nov 2016






