Breaking News

Pula e ama ditirelo kwa Mokwena

21 Nov 2016

Go tlhoka go laolesega ga metsi mo meseleng kwa Molepolole go ne ga emisa ditirelo mo diofising dingwe tsa maphata a puso le dikgwebo ka go farologana morago ga dipula mo mosong .

Bontsi jwa batho bo ne bo kaeletswe mo malwapeng ka ntlha ya bophadiphadi jwa metsi. Mangwe a mafelo a amegileng ke madirelo a masha a boranyane jwa segompieno a Igov kwa mmolong wa

Mafenyatla a lopileng P9 million, Molepolole Service Hall, sekolo sa borutelo booki  sa Institute of Health Sciences  le bontlha bongwe jwa mabenkele kwa Mafenyatla.

Seemo se go lebega se tla ama go ntshiwa ga ditirelo kwa  lefelong le lesha la ditirelo tsa boranyane la Igov.

Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Jeffery Sibisibi, a re o tshwenngwa segolobogolo ke gore ga go sepe se ba ka se dirang mo nakong eno ka ba emisitswe ke thulaganyo ya lenaneo la ditlhabololo tsa motse wa Molepolole.

 A re ga go na pelaelo ya gore thulaganyo ya go laola metsi e batla go tsibogelwa ka bofefo mme tharabololo e ka nna go tlhomamisiwa ga moalo go hema go thulathulana ga ditiro tsa ditlhabololo.

Le fa gontse jalo modulasetilo Sibisibi a re ga se go re khansele e phuthile matsogo mme maiteko a tsweletse a go tokafatsa mesele.

Lengwe la mabenkele a a amegang gangwe le gape ke la Spar, Tops Pep, Taki, diofisi tsa ba koporase ya motlakase le a mangwe.

Mothusa molaodi wa kgaolo ya Molepolole/Lentsweletau, Mme Ikgopoleng Lekwape a re ba tsibogetse seemo ka go thusiwa ke komiti ya dibetso tsa tlholego ka ditante dile masome mararo tse ka tsone batlaa abong ba emetse go tsibogela kwa seemo se befileng teng.

Mogolwane wa lebenkele la Spar, Rre Selvamani Sivakumar a re ba kgonne go laola seemo ka jaana ba ne ba dirisa matogo a phaletshe go laola metsi kwa kgorong pele seemo se tswa mo taolong. BOPA

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 21 Nov 2016