Batshabile o laela Mabeleapudi
21 Nov 2016
Kgosi Dintle Batshabile, yo o saleng a busa Mabeleapodi ka lobaka, o laetse morafe wa gagwe mo moletlong wa tsamaya sentle ka Labone.
Kgosi Batshabile, yo o tlogelang tiro ka bogodi, o supile fa a tletse boitumelo mme a leboga morafe wa gagwe ka fa o mo amogetseng ka teng mo motseng wa bone.
“Ke laetse tiro ka go rata ga Modimo, mme ke sa ntse ke bereka le lona mo moweng”, a bua jaana a supa fa a tlaa tswelela a dirisanya le morafe wa gagwe le yo o tlaa mo tlhatlhamang.
O tsweletse a lebogela morafe tirisano mmogo ya bone, tsamaiso, therisano, lorato le kagiso e ba e supileng ka nako yotlhe e a berekileng le bone a ba busa.
Kgosi Batshabile o ba kgothaditse go tswelela ka mowa oo wa bojammogo le popagano mme a ba tshephisa fa a tlaa tswelela a ba eme nokeng.
Go sale foo, kgosi o ne a supa fa a kgonne tse tsotlhe ka kemo nokeng ya mohumagadi wa gagwe Mme Botshelo Batshabile yo o neng a sa mo felele pelo mo tseleng e telele e e neng e tle e nne le dikgwetlho tsa botshelo.
Dibui tse di farologaneng, di supile fa kgosi a berekile le bone ka mowa wa therisanyo, a le boikobo gape e ne e le motho yo o lorato mo morafeng wa gagwe.
Mongwe wa dibui e bile e le sone sebui sa tlotla, Kgosi Leheletse Koonyatse wa Paje, o ne a supa fa a itumeletse go bereka le Kgosi Batshabile yom o pelonomi.
Kgosi Koonyatse o ne a tswelela a tlhalosa fa Kgosi Batshabile a sale a berekile le bone dingwaga tse di masome mabedi le borataro mme a ise a nne le dikgoberego kana sekgopi sepe le morafe wa gagwe ka ntlha ya bopelotelele jwa gagwe le boitshoko.
“Batshabile o tsile Mabeleapodi ka ngwaga wa 1964 a tswaa Goo-Tau ke le monyana,o nkgodisitse, ke ntate mme e bile ke berekile le ene ke le mogolwane mo go ene ka maemo a tiro, mme ga a ise ka letsatsi lepe a supe lenyatso lepe ka bogolwane jwa dingwaga”.
O tsweletse a lebogela morafe wa Mabeleapodi go supa tshepho mo go Kgosi Batshabile, mme e bile ba ratile botlhaga jwa gagwe ba mo tlhopha go nna kgosi ya bone a tsaya mo go Kgosi Kgogobelo Mosarwe ka ngwaga wa 1990.
Kgosi Koonyatse o ne a lebogela morafe wa Mabeleapodi ka go supa lorato le tirisano mmogo e ba e supileng ka go kopana e le morafe go direla kgosi ya bone moletlo wa tsamaya sentle.
Moletlo o o ne o natefisiwa ke khwaere ya banana ba motse le maboko botlhe ba supa fa ba latlhegetswe ke mogaka mme ba tlaa lala ka ntho madi a tshologa mo kopelong le poko se supa maikutlo a a kopakopaneng e le boitumelo le kutlobotlhoko ya morafe. BOPA
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Mabeleapodi
Event : Moletlo wa tsamaya sentle
Date : 21 Nov 2016






