Kgetsi o ithaopela ba-na-le bogole
21 Nov 2016
Ammaaruri Motswana o iteile kgomo lonaka fa a re kgetsi ya tsie e kgonwa ke go tshwaraganelwa.
Se se dirwa ke Rre Morgan Kgetsi wa dingwaga tse di masome a mane le bone wa Mochudi mo kgaolong ya Kgatleng, yo o nang le kgwebo ya madirelo a moriri yo o ithaopetseng go beola bana ba ba tshelang ka bogole ba sekole se segolwane sa Linchwe a sa lope dituelo dipe mo go bone e le tsela ya go pataganela go godisa bana bao le barutabana le batsadi.
O boletse fa kgwebo eo, a e simolotse dingwaga tse di fetileng mme e bile a thapile banana ba le botlhano a supa fa esale a simolola go ithaopela bana ba sekole seo ka ngwaga wa 1994 a kaya fa kgwebo ya gagwe e setse e godile fela thata.
A re o dumela gore mowa wa boithaopo ke one o o thusang gore kgwebo ya gagwe e gole,o boletse mo potsolosong le BOPA gore o gwetlhilwe ke go bona bontsi jwa bana bao e leng batlhoka pono e bile ba nna mo sekoleng mme ba le pharologanyo le bana ba bangwe mo ditlhogong.
A re morago ga moo,o ne a ikgolaganya le bagolwane ba sekole seo mme a itlama go ba beola a sa lope dituelo dipe mo go bone a tlatsa ka gore se se mo gwetlhileng gape ke gore o godile a sotlega e bile a tshegwa ke baithuti ba bangwe ka a ne a ya sekoleng a sa lebege sentle.
A re seo ka bonosi sa mo gwetlha go thusa baithuti bao a tlhalosa fa a itse botlhoko jwa teng a supa fa moithuti wa go nna jalo a ka seke a dire sentle mo dithutong tsa gagwe, ka o tlaa bo a itebela kwa tlase mme seo se mo kgoreletse mo dithutong tsa gagwe se bo se seya bokamoso jwa moithuti.
O tlhalositse fa tiro eo a e dira ka lorato a tlatsa ka gore o na le tshepho ya gore tuelo ya gagwe e ko legodimong, a supa fa e bile a setse a na le botsalano le bana bao a tlatsa ka gore ba mo tsaya jaaka motsadi wa bone se a supileng fa seo se mo itumedisa fela thata.
E ne ya re a a fa bopaki ka seo, mothusa mogokgo wa sekole se, Mme Oteng Phatshwane a re ngwaga le ngwaga ba rolela Rre Kgetsi bana bao se a kaileng fa seo se kopilwe ke ene gore a thuse bana bao.
Mme Phatshwane o ne a lebogela tiro e e dirwang ke Rre Kgetsi fela thata,a bolela fa a eletsa gore batho ba bangwe ba ne ba ka bo ba tshwana le ene go thusa bao ba ba tlhokang thuso a tlatsa ka gore setshaba se tlhoka batho ba ba tshwanang le ene.
Mongwe wa baithuti, Ofentse France moithuti wa lekwalo la ntlha e bile a akola boithaopo jwa ga Rre Kgetsi, o tlhalositse fa tiro e Rre Kgetsi a e dirang e le ntle mme a re se segolo ke gore o ba fa lorato, a tlatsa ka gore o itumelela gape le gore ga ba nne le batsadi ba bone mme o ikutlwela lerato la setsadi fa ba na le ene.BOPA
Source : BOPA
Author : Kesego Ngwai
Location : Mochudi
Event : Potsolotso
Date : 21 Nov 2016






