Breaking News

Mogokgo o galaletsa baithuti ba Boitekanelo

21 Nov 2016

Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Tsabong, Mme Diana Basotli o akgotse baithuti ba sekole sa Boitekanelo College ka go agela sekole sa gagwe  ntlwana e e bolokelang matlakala.

Mme Basotli o buile se  kwa kabong ya kago ya polokelo ya matlakala e e neng  e abelwa sekole sa gagwe ke baithuti ba Boitekanelo College bosheng.

O ne a tlhalosa gore fa e sale sekole sa gagwe se simolodisiwa ka ngwaga wa 1923, se ntse se le mo letlhokong la polokelo matlakala e e babalesegileng, a kaya fa bontsi jwa nako go ne go epiwa mafuti a matlakala go boloka matlakala, mme se se ne se le diphatsa mo matshelong a bana le barutabana gape se na le botlhabetsi mo tikologong.

Mme Basotli  o ne a kaya fa dipalo tsa bana ba ba amogelwang mo sekoleng di ntse di gola le dingwaga go fitlhelela kwa makgolong a roba bobedi monongwaga  ka jalo koketsego e ya palo ya bana e ne e reela gore go gasagasa matlakala go a gola ka go ne go sena polokelo e e siameng.

A re dinako tse dingwe matlakala a ne a tlala mo sekoleng a re se se ne se le diphatsa ka tikologo e e leswe e baka kgotlelesego ya tikologo mme pheletsong e tsale thuthafalo ya loapi (global warming).

Moeteledipele wa lekoko la baithuti ba Boitekanelo ba ba neng ba aga polokelo matlakala Mme Tsholofelo Otukile o ne a tlhalosa fa baithuti ba le bane ba ba ithutelang  tsa botsogo le tikologo ba rometswe go ithuta tiro mo kokelong  ya Tsabong, mme ba ne ba gwetlhiwa ke go tlhoka lefelo le go tikelwang matlakala ba lemoga  go le diphatsa mo botsogong le boitekanelo jwa baithuti, barutabana le bodiredi jo bongwe jwa sekolo se.

O supile fa ba ne ba se nosi mme ba ne ba bona dithuso tse di farologaneng go tswa kwa barekising ba tsa dikago ebong, K-build, Botoka Hardware le Mokgatla Hardware mme gape ba ne ba thusiwa ke ba konteraka ya le lephata la dikago le boranyane.BOPA

Source : BOPA

Author : Johanna Martin

Location : Tsabong

Event : Kabo dimpho

Date : 21 Nov 2016