Breaking News

Banana ba tsibosiwa ka tshwanelo ya batlhophi

20 Nov 2016

Motshwarelela mogolwane wa ofisi ya ditlhopho (IEC), Mme Doreen Marakalala, o gakolotse banana ba Tshimoyapula le Majwanaadipitse go itse tshwanelo ya bone e le batlhophi.

O buile se mo thuto puisanyong le banana ba metse e mebedi e, kwa Tshimoyapula bosheng.

A re banana ba tshwanetse go itse gore ba na le seabe e le batlhophi le go itse gore seabe sa bo ntlhopheng mo kgaolong ke eng.

Mme Marakalalaa a re o lemogile gore batlhophi ba le bantsi ga ba itse gore tota tiro ya makhanselara ke eng, mo bontsi bo tsayang fela gore mokhanselara tiro ya gagwe ke go rwalela dikgong mo dintshong le go ba isa sepatela fa go na le bothata.

O tsweletse ka go itsise banana gore makhanselara a bone ke bone ba tshwanetseng go ba gokaganya le puso, ba tsaya matshwenyego a bone go a isa kwa khanseleng le go ba busetsa diphetolo ka tse di dumalanweng.

O ne a gakolola banana gore ba bue le mopalamente wa bone ka tse di ba tshwenyang ka a supa gore nngwe ya ditiro tsa mopalamente ke go nna a tlhola batlhophi kgapetsakgapetsa go itse tse di ba tshwenyang.

Fa a ba botsa fa ba a tle ba buisane le mopalamente e le botlhophi, ba supile fa a tle a ba lekodise dingwe tse di builweng kwa palamenteng jaaka tsholofetso ya go ba direla tsela mo bogautshwaneng.

Mme Marakalala a ba tlhalosetsa gore e le batlhophi ba tshwanetse go tsena diphuthego tsa kgotla le diphuthego tsa diphathi tsa sepolotiki gore ba tle ba kgone go tlhopha batho ba ba nang le boikarabelo.

A tswelela ka go ba bolelela gore moemedi wa ditlhopho kgotsa ntlhopheng e santse ya nna motho yo o nang le ponelo pele ya go ka goga setshaba.

Mme le fa go le jalo a supa gore go na le dilo tse di ka kgoreletsang puso ya batho ka batho, jaaka bone e le batlhophi ba ka thoka tshepho mo diphathing tse di leng teng le go ikgagapelela ga batlhophiwa gammogo le dipuo tse di kgobang tse di buiwang mo ipapatsong.

A re bone e le batlhophi ba santse ba itse gore go diragala eng ka bone fa ba sena go tlhopha gore ba kgone go tsaya ditshwetso tse di maleba.

Banana fa ba tswa la bone, ba boditse Mme Marakalala gore jaaka e le batlhophi ba lemoga gore ga ba berekisane sentle le ba ba ba tlhophileng a go a kgonagala gore ba ba ntshe pele ga nako e wela.

Mme ba ne ba tlhalosediwa fa go sa kgonege ka molao wa ditlhopho, fa e se fela motho wa go nna jalo a ithola marapo, ka jalo a re ba tshwanetse go sekaseka pele ga ba tlhopha.

Mme Marakalala o ne a tlhalosa ka molao o mosha wa ditlhopho wa 2016, wa go dirisa bo machine go tlhopha mo ditlhophong tse di tlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Boikobo Monageng

Location : Tshimoyapula

Event : Thuto puisano

Date : 20 Nov 2016