Go abela dikolo ke ga botlhe
20 Nov 2016
Mme Julia Sekgere, yo e leng morutabana mo sekolong sa Maun Senior Secondary School o kopile batsadi go ithuta go abela dikolo.
A re batsadi ba ka ikgobokanya go nna ba abela dikolo gore barutabana ba kgone go fitlhelela maitlamo a bone.
O boletse mo potsolotsong gore, “ ke simolotse go abela sekolo se se potlana sa Gxhabara ka ngwaga wa 2013 morago ga go lemoga fa letlole la sekolo seo le le kwa tlase,” a tlhalosa.
Mme Sekgere a re o ne a ikgolaganya le mogokgo wa sekolo mme a mo golola go nna a rekela bana ba ba dirileng sentle mo dithutong dimpho.
Go tlhalosa kwa mogopolo o wa go aba o tswang teng, o supile fa ele tsela ya go neela sechaba ka le mo baebeleng go kwadilwe fa go le sego letsogo le le abang.
A re o gwethilwe gape ke Tautona wa lefatshe leno, ka a rotloetsa sechaba go abela bao ba seng sego mo botshelong.
O supile fa bana ba sekolo ba dira bontle thata ka jalo ba tshwanetse go neelwa dimpho tse di ka ba nonotshang mo moweng gore ba tswelele ba dira ka natla.
Go supa fa ele mme yo o nang le tebelopele, a re bopelotlhomogi jo, ga bo felele fa ka a setse a simolotse go ikgolaganya le batsadi ba bangwe gore ba rekele bana ba sekolo se dimpho tse dintsi.
“ Mongwe wa bomme ba ke buileng le bone o setse a rekile dimpho le ene ngwaga o, tsa bana ba ba dirileng sentle mo temo thuong (agriculture) go simolola ka lokwalo la ntlha go ema ka la bosupa,” ga bua mme Sekgere.
Dingwe tsa dimpho tse di rekilweng ke mme Sekgere ke dibata tsa polaseteke tse supa le melora e e tlhatswang ya 2kg e supa. Dimpho tse o ne a di reketse bana ba ba dirileng sentle mo setswaneng.
A re o tlhophile setswana ngwaga o ka gore lefatshe la Botswana le ipelela ngwaga tse di masome a matlhano ka jalo e le go gwetlha bana ba go tswelela ba dira sentle mo setswaneng le gore banne motlotlo ka Setswana sa bone.
A re pele a reka mpho o a e sekaseka pele, mme morago a lebelele gore go nale bana bangwe ba ba tlang fela kwa sekolong ba sa tlhatswa kgotsa ba sa tlhapa ka jalo a felela a reka one mofuta o wa dimpho.
Mosamarea yo o tlhalosa fa maikaelelo a gagwe e le go simolola mokgatlho o o tla a bong o ikemiseditse go abela dikolo ka go farologana mo Maun.
O tswelela ka gone go rotloetsa batsadi gore ga gona mpho e gotweng e potlana, a re ba tshwanetse go tshwaraganela thuto le barutabana go ntsha maduo a a botoka.
Mme Sekgere a re fa mongwe le mongwe a ka ema ka dinao maduo a a botoka a ka tswa, mme lefatshe le lone le felele le nna le dialogane tse di ka le tlhabololang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Montle Modisawamarole
Location : Maun
Event : Potsolotso
Date : 20 Nov 2016






