Lephata le lwantsha letshoroma
21 Nov 2016
Lephata la botsogo mo kgaolong ya Bobirwa le dule letsholo go lwantsha montsana o o anamisang bolwetse jwa letshoroma ka go gasa molemo mo matlong kwa Molalatau.
Modiri mo lephateng la botsogo, Mme Duduetsang Sephekolo, o kopile setshaba go phepafatsa malwapa a bone le gore ba seka ba tshela metsi gongwe le gongwe kwa a ka emang teng ka go ka dira gore montsana o ntsifale.
Mme Sephekolo a re setshaba se tshwanetse go tlhomamisa gore se tswala dikupu kgotsa dikgamelo tse di beelang metsi ka nako tsotlhe ka montsana o utlwana thata le mafelo a a nang le metsi a mantsi gammogo le lefelo le le seng phepha.
O tlhalositse fa mo letsholong la go gasa molemo oo, banni ba motse wa Molalatau ba dirisana le badiri ba botsogo sentle go sena dingalo dipe.
Mme Sephekolo a re molemo o, o tsaya lebaka la ngwaga o ntse o le teng mo leboteng la ntlo, ka jalo batho ba kopiwa gore ba seka ba tlhatswa kana ba penta lebota fa go sena go gasiwa molemo. BOPA
Source : BOPA
Author : Selelo Moshokgo
Location : Molalatau
Event : Potsolotso
Date : 21 Nov 2016






