Breaking News

Basadibagolo ba dira ka diatla go itshetsa

20 Nov 2016

Batswana ba tswa kgakala ba rata go itirela ka diatla mme e bile ba sa nne maoto a tshupa go tsibogela dilo tse di ka ba direlang botshelo.

Setswana se supa gore dilo makwati di kwatabololwa mo go ba bangwe.

Ka jalo, Mme Tshire Pilane wa dingwaga tse di masome a supa le bosupa le Mme Annah Seemise yo o dingwaga di masome a supa le botlhano ba simolotse tiro ya bone ya go dira mekgabisa ka mefuta, morago ga go bona tiro ya baithuti bangwe kwa sekolong.

Ba re ba ne ba nna le kgatlhego ya go itse gore dipitsana tsa mekgabisa di dirilwe jang, mme ya re morago ba simolola go lekeletsa go fitlhelela ba tshwara sentle gore tiro eo e dirwa jang.

Mme Pilane a re e rile morago ga go bona tiro e ntle eo, ba tla ka mogopolo wa go bopa setlhopha sa bagolo mo motseng wa Sikwane, gore ba tle ba tshwaraganele tiro eo.

Mme Pilane a re morago ga seo, bangwe ba ne ba nna maoto a tshupa go dira tiro fa ba simolola, mme bone ba seka ba ipona tsapa, ba leka ka bojotlhe go dira sengwe.

E rile Mme Seemise a mo tlatsa a supa fa ba sa ntse ba dira fela ba le babedi ka bangwe ba ikgogetse morago.

A re seo, ga se a ba kgoba marapo ka ba tsweletse ka tiro mme e bile yo o nang le keletso ya go boa batla mo amogela ka diatla tsoo pedi gore ba godise mowa wa tirisano mmogo.

Mme Seemise o ne a supa fa ba dirisa dipampiri tsa dikgang go dira dinkgwana tsa bone mme ba simolola ka go kolobetsa pampiri, e be ba tlhakanya le sengapariso mme morago ba e bopele mo go se ba batlang e tshwana le sone. A re fa e sena go oma, ba e taka le go e kgabisa ka fa ba eletsang ka teng.

Mme Pilane o ne a supa fa tiro ya bone e batla go dirwa ka matsetseleko le bonokopila gore phelelo ya se ba se dirang se kgatlhise leitlho le gone go rekwa ke batho.

A re ba dirisa dilo di le dintsi go dira mekgabisa, mme thata dilo tse di sa tlholeng di dirisiwa. A re gape ba ngaparetsa dithotse le dipeo tsa ditlhare mo maselong go dira mekgabisa.

Mme Pilane o supile fa ba dira mabone a motlakase ka dinaka tsa dikgomo, mme e bile ba setse ba kile ba isa mekgabisa ya bone ko kgotleng go supa dilo tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Sikwane

Event : Potsolotso

Date : 20 Nov 2016