Breaking News

Mokalake o rolela bagodi hutshe

07 Jan 2013

Bagodi bangwe kwa Letlhakane ba simolotse ngwaga o mosha ka boitumelo morago ga gore ba je dijo tsa motshegare le go abelwa dikobo ke ba lelwapa la ga Mopalamente wa Boteti Borwa, Rre Lebonaamang Mokalake ka Matlhatso.

Rre Mokalake a re go dira se, ke tsela ya go lebogela bagolo seabe sa bone mo go ageng setshaba se se nang le boikarabelo le go kaela basha tsela ya boamaaruri. O kaile gape gore dingwaga tse dintsi tse ba kgonneng go di tshela ke sesupo sa gore boitekanelo ke selo sa botlhokwa.

“Re leboga thata go bo le kgonne go itlhokomela mme la tshela ka lobaka, ka jalo le biditswe ke mohumagadi wame gore le tlhole le rona re kgone go tsaa masego le matlhogonolo a ngwaga o mosha mo go lona.”

Ba lelwapa la ga Rre Mokalake ba ne ba rulagantse gape le ba komiti ya botsogo jwa matlho ya Vision 2020 go tla go ruta ka malwetse a matlho le go tlhatlhoba bagolo ba ba neng ba tsene moletlo.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya Vision 2020, Rre Chipo Keaketswe a re komiti ya bone e bopilwe ka bodiredi jwa lephata la botsogo jo bo lebaganyeng le kalafi ya matlho, boeteledipele jwa sepolotiki le bogosi.  Rre Keaketswe a re maikaelelo a bone ke go ruta setshaba ka botlhokwa jwa go tlhokomela matlho le gone go thusa go nyeletsa malwetse aa ka amang pono ya motho.

Mooki go tswa kwa sepateleng sa Letlhakane, yo gape e leng leloko la komiti ya Vision 2020, Mme Mosetsana Mosekiwa a re komiti e itebagantse le go fedisa bofofu jo bo sa tshwanelang go diragala.

Mme Mosekiwa a re bolwetse jwa letha bo baka phokotsego ya pono. O supile gape gore bolwetse jwa letha bo ka tlhotlhelediwa ke malwetse mangwe jaaka sukiri, dikgobalo kana ngwana a tsholwa ka jone.  Mme Mosekiwa a re motho o ka dirwa loaro go alafa bolwetse jo, a tlatsa ka gore le fa go ntse jalo, go na le malwetse mangwe aa amang matlho aa ka dirang gore pono ya motho e seka ya tokafala le morago ga loaro.

A re bolwetse jo bongwe ke jwa metsi a mantsi mo matlhong, jo bo amang batho ba dingwaga tse masome a mane le go feta e bile gape bo ka tsamaya ka losika. A re molwetse wa jone o fiwa molemo o o rothisediwang mo leitlhong botshelo jotlhe.

Le fa go ntse jalo, Mme Mosekiwa o supile gore phokotsego ya pono e ka bakiwa ke mabadi mo matlhong ka ntata ya dikgobalo, popego ya matlho le bogodi. Mme Mosekiwa a re kalafi ya malwetse a, ke go dirisa digalase tsa matlho. A re le fa bangwe ba lwala mme ba supa ba sa rate digalase boamaruri ke gore ke tsone fela kalafi ya malwetse a. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : LETLHAKANE

Event : Bokopano jwa bagodi

Date : 07 Jan 2013