Di tsa tlholego di tlhoka pabalesego
17 Nov 2016
Kgosi Gobatwamang Kedikilwe o gakolotse badirisa ditsa tlholego go sala molao morago, segolo jang bagwebi ba ditena le motlhaba.
A re ditla morago tsa tiriso botlhaswa ya ditsa tlholego ke go baka tshenyego mo dinokeng le melapo.
Kgosi a re bagwebi bao ba dirisa dikatakata go epa motlhaba mo molapong ba o epela thekiso ntswa ba sena teta ya go dira jalo.
O tlhalositse fa go epa motlhaba mo molapong kana mo nokeng go tseelwa teseletso ka go nale ditsetlana dingwe tse moepi a tshwanetseng go di sala morago go hema kgotlhego ya molapo.
A re ba tshwanelwa ke go tsaya diteseletso kwa go ba lephata la tsa meepo.
Mo maitekong a go emisa tshenyo eo, Kgosi a re o ne a kwalela molaodi wa kgaolo go mo itsese ka tshenyo e, a re o ne a itsise ba lephata latlhokomelo lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe le go ba biletsa mapodise bone boradikatakata bao go tla go emisa tshenyo eo.
Kgosi Kedikilwe a re morago ga ikuelo eo, borukutlhwi joo bone ba fokotsege le fa tshenyo yone ene e setse e diragatse, ebile e kgoreleditse metsi a pula ya bosheng go elela le molapo jaaka go tlwaelesegile.
Mo go e nngwe kgang Kgosi a re o tshwentswe thata ke batho bangwe ba ba ikgagapelelang lefatshe bogolo jang la masimo.
O tlhalositse fa go nale bangwe ba ba ganang go letlela baikopedi go bewa ba tlhalosa fa go beilwe bangwe ntswa go sa nna jalo.
Kgosi Kedikilwe are mo dipatisisong go supile fa batho ba ba ganang ka lefatshe ba le beetse bana ba bone le masika.
“Kgang e ga e itumedise gotlhelele ka se se supa kgetlhololo, ga se mowa wa tirisanyo mmogo”.
One a kopa ba kabo lefatshe go lebelela ntlha eo ka leitlho le lentshotsho.
One gape a buwa ka letlamo le arileng batho bangwe batsere taolo ya lone mo marafeng go leikgagapelela, a re go nale bangwe ba ba neng baikopanya ele setlhopha go kwadisa letlamo ka bone ka setlamo sa kgomo kgotsa madi a a kanang ka sekete le makgolo a matlhano lelwapa le lelwapa go ka akarediwa mo tirisong ya letamo.
Kgosi one are letlamo leo ke la morafe, ka jalo le tlhoka go bulelwa morafe go le dirila , mme a tlhagisa bao b aba le tswetseng ka dilotelo go le bula.
One are o isitse kgang eo kwa ofising ya ga molaodi go e seka seka. BOPA
Source : BOPA
Author : Kealogile Diloro
Location : Diloro
Event : Potsolotso
Date : 17 Nov 2016






